Sekole sa Orapa se itlhoma kwa pele
16 Sep 2013
Sekole se segolwane sa Orapa se akgoletswe go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa Junior Certificate, ka go gapa maemo a ntlha lefatshe ka bophara, dingwaga tse tharo di tlhomagana.
Kakgolo e e ntshitswe ke mookamedi wa polokelo ya ABC kwa Francistown, Mme Kelebogile Mokgosi. A re tshwaragano ya baithuti, barutabana le batsadi go akarediwa le ba-na-le-seabe ba bangwe jaaka khamphani ya Debswana, e dira gore tikologo ya sekole e nne le tsotlhe tse di tlhokwang go ruta bana.
O buile jalo bosheng, fa sekole se segolwane sa Orapa se ne se ipelela go gapa maemo a ntlha le go abela baithuti dimpho, a supa fa Debswana e abetse sekole seo P264 000 go thusa go baakanya ntlwana ya borutelo ya thuto ya design and technology le go reka didirisiwa.
A re kompone e tsweletse gape ka go thusa sekole ka sepalamo le ka barutabana ba ba thusang mo dithutong tsa dipalo le maranyane. Sekole sa Orapa JSS se pasitse ka matshwao a 99.4 per cent, go itlhoma kwa pele ga dikole tse dingwe tse dikgolwane.
Mme Mokgosi a re baithuti ba ba fentseng ka matshwao a merit, A, B le C ba dirile selekanyo sa 85.5 per cent. A re maduo a sekole sa Orapa ke sesupo sa gore batsadi ba lemoga botlhokwa jwa thuto gore ke yone tsela ya go betlela bana isago e e nonofileng.
O rotloeditse batsadi go tsena diphuthego tsa lekgotla la batsadi le barutabana ka di thusa gore ba kgone go itse ka fa bana ba bone ba ithutang ka teng. O akgoletse baithuti ba sekole seo ba pele, ba mo nakong eno ba dirang mophato wa bone, go tsaya boikarabelo jwa go sala thuto morago, e le tsela ya go betla bokamoso.
Mme Mokgosi a re go supa fa e le ruri sekole se se na le maitlamo a a tsepameng ka jaana se sa dire sentle fela mo dithutong, le mo metshamekong ka go farologana se itshupa. Mme Mokgosi a re maduo a sekole se a supa fa boeteledipele bo dira tiro, bo tsentse marapo mo dinameng e bile bo na le tebelopele.
A re ba dira go le gontsi go ruta bana go ikemela mo botshelong jwa gompieno, jo bo tletseng dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro, lehuma, tiriso ya ditagi le tse dingwe.
Mme Mokgosi o ne a kgothatsa bana go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo, ba ikgaphe mo dilong tse di ka ba senyetsang bokamoso.
A re bana ba rotloetswe go tlhopha dithuto tse di rutang tiro ya diatla ka di le bogadi bo gaufi e bile motho a ka kgona go ipereka le go tlhamela ba bangwe ditiro. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Latiwa
Location : Letlhakane
Event : Kabo-dimpho
Date : 16 Sep 2013






