Ba ngongoregela itshireletso
16 Sep 2013
Babereki ba moepo wa Mowana ba supile matshwenyego a gore moepo wa Mowana ga o sale morago tsamaiso ya melawana ya tsa khiro.
Ba buile seo kwa Dukwi mo bosheng, fa ba ne ba tlhalosetsa komiti ya lephata la tsa phereko le selegae gore ga go na dilwana tsa itshireletso mo tirong tse ditlhwatlhwa. Mookamedi wa lekgotla la tsa babereki ba moepo, Rre Sebereki Baakile, a re khiro e e dirwang mo moepong oo e bofitlha, a tlatsa ka gore ba bona motho a tla fela ba sa a itse kwa a tswang teng a tla go bereka foo.
O ngongoregile gape gore ba nna ba solofediwa fa dipalo tsa batswakwa di tlaa fokodiwa fa dikonteraka tsa bone di wela mme se ga se diragadiwe. Rre Baakile o tswelelela a re bangwe ba na le dingwaga di ka tshwara masome a matlhano go ya go masome a borataro ba ntse ba dira mo moepong mme ba sa tlhalolosiwe maemo.
A re se sengwe ke babereki ba ba tlhapiwang ka nakwana ba nna ba okelediwa dikonteraka ka kgwedi tse pedi go fitlhelela ba tshwara dingwaga tse tlhano ba ntse ba sa tlhabiwe, a tlatsa ka gore seemo seo se a tshwenya.
Rre Baakile a re fa ba leka go ipoletsa gore matsapa di a tsaya kae ka tsamaiso ya tsa khiro e e sa tlhamalalang mo moepong oo, go na le matshosetsi a gore ba se ka ba lebala gore dikonteraka di a fela ka jalo batho ba bereka ka letshogo ba tshaba go latlhegelwa ke ditiro.
A re bangwe ba sale ba bereka le fa le go isiwa dithutong tsa go ikoketsa mme ngwaga le ngwaga go na le lenaneo la ithutuntsho mme ga le diragadiwe. O ikuetse thata ka lorole lo lo tswang mo moepong oo, le e bileng le amile tikologo le masimo a batho a re fa e le tsela yone ke mathata fela ba e gopa fa ba utlwa go twe bagolwane ba etla.
Mopalamente wa Chobe Rre Gibson Nshimwe, o ne a rotloetsa mookamedi wa lekgotla la tsa babereki ba moepo go re ba tshwaraganele matshwenyego a babereki ka go buisana le boeteledipele mme fa go padile ke gone ba ka fetelang kwa pele kwa go ba batona ba lekgotla la babereki.
A re ga ba atla go rarabolola matshwenyego a bone mme se ba se dirang ke go tla bona gore ba tshela jang mo moepong le go tsaya megopolo go e fetitsetsa kwa go ba ba tshwanetseng.
Rre Nshimwe a re go diega ga diphetolo tsa dikgang ke gore ba tsamaya lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore nako dingwe ba bo ba ile kwa dipolaseng ka dikgang tse di amang lephata la tsa pereko le selegae. O ba eleleditse masego le matlhogonolo mo tirong ya bone go dira ka natla le ka bonokopila. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mpho Goitsemang
Location : DUKWI
Event : Phuthego
Date : 16 Sep 2013






