Botsogo jwa ngwana bo tla pele
16 Sep 2013
Balemi ba masimo a Mapete gaufi le Letlhakane ba gakolotswe go tsibogela botsogo jwa bana ka go netefatsa gore ba bona ditlamelo tsa bongaka ka nako.
Mogolwane go tswa mo ofising e e lebeletseng ditlamelo tsa botsogo mo Boteti, Rre Motlhaodi Sejabodile o buile jalo bosheng fa moepo wa diteemane wa Karowe o ne o diretse balemi letsatsi la botsogo le ipabalelo tseleng.
Rre Sejabodile a re le fa ba lekalana la botsogo ba na le thulaganyo ya go isa ditlamelo kwa masimong le kwa merakeng kgwedi le kgwedi, maiteko a bone a kgorelediwa ke letlhoko la dikoloi. Ka jalo o kopile balemi gore ba ba nang le dikotsekara kana dibaesekele ba di dirise go isa bana kwa ditlamelong tsa botsogo jaaka kwa kokelwaneng ya Letlhakane.
O tsweletse a kopa borre gore ba tsee boikarabelo jwa go isa bana sekaleng kgwedi le kgwedi fa bomme ba sa ntse ba tshwerwe ke ditiro tse dingwe tsa kwa masimo. Rre Sejabodile a re botsogo jwa ngwana bo tla pele ka jalo batsadi ba netefatse gore bana ba fiwa mekento e e ba sireletsang mo makoweng ka go farologana ba sale bannye le ba setse ba godile.
Rre Sejabodile o tlhalositse fa gole botlhokwa go tlhatlologanya tsholo gore batsadi ba kgone go godisa le go tlamela bana sentle. A re boimana bo koafatsa mmele wa ga mme ka jalo o tlhoka go fiwa sebaka gore a ikoke pele a ka ima gape.
A re go botlhokwa go farologanya tsholo ka dingwaga tse pedi kana go feta, a supa fa go sa siama go fitlhela bana ba siana ka ngwaga kgotsa dikgwedi. O ba rotloeditse go dirisa itshireletso e e thusang go katologanya tsholo. Rre Sejabodile a re tiriso ya sekausu e ka thusa gape le go sireletsa mo malwetseng a tlhakanelo dikobo. O gakolotse bomme gore gape ba ka dirisa mokento kana dipilisi tse di laolang tsholo.
Rre Sejabodile o gateletse gore batsadi ba rute bana ka tlhakanelo dikobo gore ba kgone go ikgapa le gone go lemoga borai jwa go ima ba sale banana le gone go tila malwetse a tlhakanelo dikobo. Mme Gontse Gaboeme ene o gakolotse bommabana go netefatsa gore bana ba tshamekela mo tikologong e e phepa le go ja dijo le go dirisa dijana tse di phepa gore ba seka ba tshabelelwa ke letshololo.
Mme Gaboeme o supile gore bana ba tshabelelwa ke bolwetse jwa letshololo. A re dikai tsa bolwetse jo ke go tsholola gararo ka letsatsi kana go feta, mogote o montsi mo mmeleng, go phaphalala ga letlalo le go latlhegelwa ke keletso ya dijo.
Mme Gaboeme le ene o supile gore bana ba tshwanetse go isiwa sekaleng kgwedi le kgwedi gore ba kgone go kentelwa malwetse le go fiwa dijo tse di nang le dikotla go thusa gore ba gole sentle.
O kopile batsadi gore ba siele bana metsi le go ba fepa ka sengwe se se jewang kgapetsa kgapetsa e seng gararo ka letsatsi jaaka bagolo gore ba kgone go gola ba nonofile. A re ngwana o tshwanetse a emisa sekale sa kgwedi le kgwedi a le dingwaga tse tlhano.
E rile a itebaganya le go phepafatsa tikologo, mogolwane wa moepo wa Karowe, Rre George Ramatoboro a gakolola balemi botlhokwa jwa go aga matlwana a boitiketso kwa masimo. Rre Ramatoboro a re fa leruo le ka ja leswe le felela le tsenwa ke bolwetse jwa mabele jo bo dirang gore nama ya lone e nne ya boleng jo bo kwa tlase.
Balemi ba gakolotswe gape gore ba fokotse go rema ditlhare tse di mo tikologong ya bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Letlhakane
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 16 Sep 2013






