Breaking News

Komiti ya PDT e ithola marapo

15 Sep 2013

Maloko a mararo a lekgotla la tsamaiso ya Sekolo sa Palapye Development Trust ba ba neng ba sala ba tsweledisa tiro morago ga gore bangwe ba bone ba ithole marapo e se ka fa molaong jaanong ba ithotse marapo ka fa molaong.

Komiti eo e neetse komiti ya bogakolodi ya Palapye Development Trust marapo a go tlhokomela le go tsamaisa dithoto tsa morafe.

Le fa go ntse jalo maloko ao a ile diega go baya monwana wa gore ba roletse komiti e nngwe dithoto le marapo, mme ba tlhalosa fa ba tlaa dira jalo mo tsamaong ya nako.
Itholo marapo ao e dirilwe kwa kgotleng ya Palapye bosheng fa go beditswe morafe gore o tle go nna le seabe fa dikomiti tsoo pedi di neelana tiro.

Fa a rola pego modulasetilo wa komiti e e neng e wetsa tiro eo Rre Dithapelo Tshotlego o ne a  itsise morafe gore se se dirileng gore ba bo ba tsamaisa komiti ya dithoto tsa setshaba ba le bararo ke gore go ne ga nna le tshenyetso setshaba e e dirilweng ke bangwe ba ba neng ba le mo komiting eo.

E ne ya re morago fa go lemogwa tshenyetso setshaba eo ba ba neng ba amega mo go yone ba ne ba ithola marapo ba sa laele ka fa go tshwanetseng a balela modulasetilo le mogokgo  wa sekolo seo.

A re ene ka nako eo e ne e le leloko fela mme o ne a bona go le matshwanedi gore ba dumalane ba le bararo gore ba name ba emisitse mogokgo wa sekolo seo le modulasetilo mo maemong a bone go fitlhelela ditlhotlhomiso di wela.

Rre Tshotlego a re ene le babangwe ba komiti ba ne ba dirisa molao motheo wa komiti eo ba tsaya marapo, ka jalo o ne ya nna ene modulasetilo wa komiti eo, a bolela gore le fa ba ne ba dira jalo ba ne ba ntse ba ya kwa morafeng go ya go ba lekodisa seemo go fitlhelela ba dupa dibuka ba fa pego ya gore ke nnete madi a jelwe.

Rre Tshotlego o ne a sala mo komiting le Mme Esther Maforaga le Thompho Ratsebe.

O itsesitse lekodisitse baagi ba Palapye gore go ne go se motlhofo gore ba bone dipego tse di tlhapileng ka gore go ne go setse go tletse dikgogakgogano, a tlhalosa fa le bone ka boraro jwa bone ba kile ba tlelwa ke mogopolo wa go ithola marapo mme ba bona e tlaa bo e le go latlhelela morafe o o ba rumileng.

Rre Tshotlego a re e rile fa ba tlaa ema ka dinao ke fa ba utlwa fa dingwe dithoto tsa morafe di tshwana le marekisetso a mmolo wa Supa Save le marekisetso a leokwane a Puma a rekisiwa mme ba tshwanelwa ke go emisa kgang e ka go batla babueledi ba molao.

A re puso le yone e ile ya ba ema nokeng morago ga go utlwa mokgosi wa bone.

Kwa bofelong Rre Tshotlego o ne a kopa komiti e e tsereng marapo gore ba ye go tlhotlhomisa ka matlo a a bapileng le kereke ya ZCC mo Palapye, a ba neng ba sa ntse ba tlhotlhomisa ka one go rurifatsa gore a ke a Palapye Development trust kana jang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Selinah Samson

Location : PALAPYE

Event : Tholo-pego

Date : 15 Sep 2013