Ba Mokobeng ba tshwentswe ke dikiteo
15 Sep 2013
Baoki ba ba direlang mo kokelwaneng ya motse wa Mokobeng mo kgaolong ya Tswapong borwa ba re ba tshwentswe ke seemo se se golelang pele sa go amogela balwetsi ba ba tlang fa gare ga bosigo ba sena go golafadiwa ke ba bangwe kwa marekisetsong a bojalwa.
Ba re go ngomola pelo ka go supagala gore batho bangwe ba motse oo ga ba kgathale ka botsogo jwa bone ka ga go na kgwedi e e fetang fela ba sa amogele balwetsi ba ba gobaditsweng mo dikgotlhannyeng kwa dinong.
Ba re bagobadi le bone ba tla ba le mo sididing sa dino. Baoki bao ba ne ba bua jalo kwa letsatsing la go itsise batho ba Mokobeng ka ditirelo tse di teng mo kokelwaneng ya motse oo le go ruta banni ka malwetsi a a farologaneng.
Mooki wa kokelwana eo Rre Kgotla Ramontsho o boletse fa mo balwetsing ba ba setseng ba amogetswe bangwe ba tlhabilwe ka dilo tse di bogale mme ba tlhoka thuso ya potlako.
Rre Ramontsho a re fa e sale ngwaga o simologa ba alafile batho ba ba gobetseng kwa mafelong a bojalwa ba le masome a mabedi le boferabongwe.
A re mo dipalong tseo ba le masome a mabedi le bongwe ba ne ba tlhoka go rokiwa.
O boletse fa bontsi jwa banana ba ba dingwaga di lesome le boferabobedi le masome a mararo le botlhano e le bone ba gobalang kwa marekisetsong a majalwa.
Mo go tse dingwe o boletse fa ba bongaka ba lemogile fa malwetsi a dikobo a tshwana le jwa rasephiphi, thosola le dikakana a sa ntse a le teng mo bangweng mme go supagala fa go na le bangwe ba ba sa ntseng ba sa dirise sekausu.
O ne a rotloetsa botlhe go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe go fema le gone go tsenwa ke mogare.
Rre Ramontsho a re bolwetsi jwa kgotlholo e tona bo fokotsegile mo motseng oo ka mo dingwageng tse di fetileng bangwe ba ne ba kgona go boelelwa ke bolwetsi joo.
A re ba ne ba ruta batho thata ka bolwetsi joo mme gompieno go na le balwetsi ba le babedi fela mo motseng oo.
Monni wa Mokobeng Mme Dikeledi Montsho a re go iphitisa dino go a tshwenya ka batsadi bangwe ba a nwa le bana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : LERALA
Event : Phuthego
Date : 15 Sep 2013






