Se jwaleng mowa wa kilo
15 Sep 2013
Mopalamente wa Kopong, Major General Moeng Pheto o gateletse gore babereki botlhe ba ithute go nna boammaaruri mo melaetseng e ba e rolelang Batswana ka go dira jalo go ka tiisa kagiso le tirisanyo mmogo mo lefatsheng leno.
O ne a bua bosheng kwa Kopong mo phuthegong e e neng e biditswe ke mothusa tona wa thuto le tlhabololo dikitso, Rre Patrick Masimolole. Rre Pheto o supile fa go gasa molaetsa o e seng boammaaruri go tsala mowa wa kilano mme kgabagare o kgaoganye morafe.
O ne gape a gakolola morafe gore le one o tlhomamise se o se rolelwang ka go botsa ba ba amegang e seng go itlhophela go ila motho ba sa itse nnete yotlhe.
O ne a gakolola badiri gore fa ba sa tlhomamiseng kgang sentle, ba botse batho ba ba lebaneng kgotsa ba bitse batho bao ba tle go rolela morafe kgang jaaka e ntse.
O boleletse morafe gore go sa bue nnete go biletsa baeteledi pele kgotsa batho bangwe ba motse dihawa tsa dilo tse ba senang le fa e le seabe mo go tsone.
Rre Pheto o ne a itebagantse le kgang ya kgaoganyo melelwane ya dikgaolwana tsa botlhophi e go feletseng go golegwa batho go twe ke bone ba rotloeditseng gore melelwane e nne jaaka e ntse.
O tlhalositse fa nnete e le gore bagogi botlhe le ba bogosi ba ne ba fiwa sebaka go itlhophela gore ba batla melelwane e segiwa jang.
Rre Pheto a re le ene o ne a le teng mo barongweng ba motse wa Kopong go bona gore ba sega jang melelwane.
O tlhalositse fa ba ne ba batla bomaitseanape go tla go ba gakolola ka maikarabelo a, mme kgabagare ba isa tshwetso ya bone kwa lekgotleng la ditlhopho.
Rre Pheto a re ba lekgotla la tsamaiso ditlhopho ba ne ba tsaya tshwetso ya bofelo ba na le moatlhodi wa kgotla kgolo ya ditsheko.
O ne a gakolola gore le fa baagi ba Kopong le bogosi ba ngongorega ba re ba dietswe nako go twe ba sege melelwane e, mme phelelong ya tla e fetotswe, ga go na gore ba ka ikuela jang, ke gore ba amogele seemo se fela ka e bile go tlaa nna jaana dingwaga di le lesome.
Major General Pheto o ne a bolela gore go tlogela go supana ka menwana, ka tota tshwetso ya bofelo e tserwe ke. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Boikanyo Sarefo
Location : KOPONG
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 15 Sep 2013






