Breaking News

Tautona o akgolelwa go ikanya Modimo

12 Sep 2013

Moruti wa kereke ya Pentecostal Holiness kwa Kanye o galaleditse Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama go bo a kopile  setshaba go  rapelela pula. 

Moruti Lesole Lesole, o buile jalo kwa pulong semmuso ya loobo le diofisi  tsa kgotla ya Lotlhakane bosheng. A re go dira jalo  ke  go supa botlhale  ga ga Tautona, e le motsadi le moeteledipele wa setshaba, a re e bile Baebele e supa  gore mo dipakeng tse di  thata, magosi  jaaka  Kgosi Dafita, a ne  a kopa morafe go bua le Modimo gore o ba supegetse bogolo le mautlwelobotlhoko a  One.

Moruti Lesole a ba a lebogela gore puso  e bile e  tshwaile  kgwedi eno  ya Lwetse, e e bileng e le ya boipuso go nna ya thapelo, a re  go botlhokwa gore Batswana ba nne gaufi le Modimo ka jaana boipuso jwa lefatshe leno ga bo a tla ka tshololo  ya madi jaaka a mafatshe mangwe. 

A re le fa go ntse jalo, go na le dikgwetlho tsa mogare wa HIV/AIDS, tse di lebaneng  lefatshe leno mme a supa fa Modimo o  ka fodisa lefatshe leno fa Batswana ba ka isa dithapelo le mekokotlelo ya bone kwa go One. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Topo Monnakgotla

Location : Kanye

Event : Pulo semmuso

Date : 12 Sep 2013