Matlho o fetile ka tse ditsididi
12 Sep 2013
E rile bosheng bath ba Lorolwane kwa kgaolong ya ga Ngwaketse ba tlhopha kgosi.
Ditlhopho tseo di ne di tsamaisiwa kwa mothusa kgosi wa Batlokwa Kgosi Michael Gaborone. Mo maineng a mararo a a neng a ntshitswe ke morafe, Rre Matlhoakgosi Matlho o ne a fenya ka 144, a latelwa ke Rre Bamphemetse Sekoanelo ka batlhophi ba le 90, le Rre Modiri Maiketso ka 29 mme ga senyega ditalama di le tlhano. Kgosi Gaborone o ne a tlhalosa fa Kgosi Malope II wa Bangwaketse a kopile gore ba itirele boammaaruri ka go tlhopha ngwana wa Lorolwane, yo ba itseng e le ene a tshwanetsweng ke setilo seo.
A re Kgosi Malope o supile fa motse oo jaanong o setse o godile mo e bileng o ka nna le kgosi ya one. Ditlhopho tseo di tla morago ga gore Kgosi Moepasediba Maiketso, yo o neng a itlhophetswe ke Kgosi Seepapitso IV wa bangwaketse a sale botshelong, a tlogele tiro ka bogodi bosheng. E ne e rile go le pele Kgosi Gaborone a tlhalosa fa keletso ya puso e le gore batho ba nne le baeteledipele ba ba ba batlang e bile ba ba kgotsofatsa.
O ne a ba lemotsha le botlhokwa jwa go lebogela seabe sa ga Kgosi Maiketso fa a ne a sa ntse a ba eteletse pele, segolo jang gore a bo a sa ganelela mo setilong. Kgosi Gaborone o ne a lebogela baagi go bo ba tlhophile ka mowa o le mongwe go rarabolola kgang ya bogosi kwa motseng wa bone, mme a tlhalosa fa a tlaa fetisetsa maina ao le maduo a ditlhopho kwa go Kgosi Malope II gore a tle go tlhoma kgosi.
Bangwe ba ne ba supile fa bogosi bo tshwanetse Rre Matlho, ka jaana rraagwemogolo e le ene motlapele mo lefelong leo. Bangwe ba supa fa Rre Sekoanelo e le ene bo mo lebaneng ka jaana rraagwemogolo a ne a kabo a tsere bogosi joo pele ga ga Rre Maiketso mme ga retela ka a ne a sa itse go kwala, fa bangwe ba dumela gore Rre Maiketso o tshwanetse ka jaana e le morwa Kgosi Maiketso.
Ya re morago ga tlhopho eo, mothusa mookamedi wa makgotla a Setswana, Rre Godfrey Moitlobo a kopa baagi ba Lorolwane go tlotla le go amogela yo o tlhophilweng jaaka kgosi ya bone. Mongwe wa banni, Mme Keikanetswe Moswete o ne a lebogela gore jaanong ba tlaa nna le kgosi yo o tlaa ba thusang tsotlhe tse di mo tlhokang mo motseng.
A re ba ntse ba sokola mo e bileng ba ne ba patelesega go ya go kopa dithuso kwa Mabule. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monnakgotla
Location : Gaborone
Event : Tlhopho ya kgosi
Date : 12 Sep 2013






