Mapodisi a Tlokweng a batla dilalome
12 Sep 2013
Mapodisi a Tlokweng a mo patlong ya banna ba le babedi ba ba neng ba tlhasela mogwebi wa motswakwa mme ba mo kgothosa dithoto le madi a a fetang P12 000.
Mogolwane wa mapodisi a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki, o tlhalosa gore banna bao ba fitlhetse rre yoo a le esi mo madirelong a gagwe ka Tshipi kwa Botshabelo Industry, mme ba mo supa ka sengwe se go belaelwang e le tlhobolo, ba mo amoga dithoto tsa gagwe.
Supt Maniki o gakolotse bagwebi gore ba tile go nna ka madi a mantsi mo madirelong le go gagamatsa itshireletso mo madirelong a bone.
Mo go tse dingwe, Supt Maniki o boletse fa ba tshwenngwa ke molato wa bomme ba ba itlhokomolosang bana. O boletse fa ba ne ba begelwa kgang e mo go yone mme wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano a neng a tlogela ngwana wa dingwaga tse nne le mogodi, malatsi a le mane. Supt Maniki o boletse fa mme wa dingwaga tse di masome mararo le bobedi a ne a tlogela losea lwa dikgwedi tse tlhano le masika, malatsi a le mararo ba sa itse kwa a ileng teng.
A re go itlhokomolosa ngwana ke molato o o ka atlholelwang madi a a seng ka fa tlase ga P5 000 mme gape a sa fete P20 000, kana kgolegelo ya dikgwedi tse di seng ka fa tlase ga borataro mme e sa fete ngwaga tse pedi. E ntse e le gone kwa Tlokweng, Supt Maniki o supile fa ba tshwenngwa ke dikgang tsa batho ba ba tsweletseng ka go tsiediwa ke manweenwee a a ipitsang baporofiti.
O supile gore mo malatsing a le matlhano fela, ba ne ba tlaleelwa dikgang tsa mofuta o di le nne, mme manweenwee ba lebelela banana, ba bontsi jwa bone e leng baithuti kwa dikoleng tsa ithutelo ditiro.
Supt Maniki o boletse fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone moithuti mongwe wa mmadikole wa dingwaga tse di masome mabedi a neng a amogwa dithoto tsa madi a a fetang P8 000. O boletse fa manweenwee ao, a ne a kopa mme yoo go ba kaela tsela mme a simolola go mmolelela mathata a gagwe, e bile a supa fa a ka mo thusa. O supile fa ba ne ba tseela mme yoo kwa sekgweng, mme ya re ba le koo ba mo kopa gore a ye go reka mokgwaro, mme a tlogele beke ya gagwe le dithoto tsotlhe tsa gagwe.
E rile a boa a fitlhela naga e le kgologolo. Moithuti wa Botho University ene ba ne ba mo raya ba re Combi e a yang go e palama e ya go mmolaya, fela jaaka ba bangwe ba mo tseela kwa sekgweng, mme ba mo kopa go ya go tla le metsi kwa motseng, ya re a boa a fitlhela naga e le tshetlha. Supt Maniki o kopile banana go itekodisa batsadi fa ba na le mathata, go na le go ‘thusiwa’ ke manweenwee mo ditseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Potsolotso
Date : 12 Sep 2013






