Ba laetswe go nna majato
12 Sep 2013
Mothusa tona wa lephata la thuto le tlhabololo dikitso, Rre Patrick Masimolole, o laetse badiri ba lephata la thuto kwa kgaolong ya Mogoditshane/Thamaga go fefogela go sekaseka seemo sa matshwenyego a a umakegang kwa dikoleng tsa Tau-Manthe le Gasiko kwa Mmopane le Gabane kwa kgaolong ya Kweneng.
E rile a tsibogela matshwenyego a banni ba metse eo mo diphuthegong tsa kgotla, Rre Masimolole a kopa bodiredi go thusa go batla tharabololo ya magatwe a umakegang kwa dikoleng tseo, le go bona ka fa go ka thusiwang ka teng fa go kgonega.
Kwa Mmopane banni ba ngongoregela kwelotlase ya boleng jwa thuto kwa sekoleng sa Tau-Manthe, mo ba reng go bakwa ke tlhaelo e e kwa godimo ya ditlamelo le go onala ga dikago tsa borutelo le mosuke mo matlwaneng a borutelo. Mokhanselara wa kgaolwana ya Mmopane, Rre Phagenyana Phage o iteetse kobo moroko mafoko a banni ka go supa fa seemo kwa sekoleng sa Tau-Manthe seo se sa siamela thuto.
Batho ba Mmopane gape ba lela ka go latlhelwa ga matlakala mo tikologong ya bone, ke batho bangwe ba dirisa dinomoro tsa dikoloi tse e seng tsa nnete, go hema go latedisiwa. Ba Gabane bone ba ngongoregela tirisano e bokoa ya botsamaisi jwa sekole se sebotlana sa Gasiko le botsadi, mo ba reng go feletse go amileng thata seemo sa thuto kwa sekoleng seo. Ba tlhalosa fa bogogi jwa sekole bo ikgatholositse moono wa go tshwaraganela thuto ga batsadi le barutabana ka jaana sekole se dira ka nosi le tsone diphuthego tsa batsadi le barutabana di sa tlhole di kopana.
Mo go tse dingwe, mothusa tona o latotse fa mmuso o se na maikaelelo a go fetola thulaganyo ya nako eno ya go duela baithuti ba dikole tse dikgolwane madi a itshetso ka malatsi a boitapoloso. Rre Masimolole a re go tlaa bo go sa supe boikarabelo gore e re dikole di tswetse, lephata le bo le tsweletse ka go duelela baithuti madi a itshetso. Mothusa tona o tsweletse ka go lekodisa batsadi ka matshwenyego a a farafereng matsamiso ya thuto ka ntlha ya go sa tseeng thuto ka tlhwaafalo ga baithuti le batsadi ba ba roletseng thuto ya bana mo pusong.
O ngongoregetse le go gakala ga tiriso ya ditagi ga baithuti mo dikoleng.
Mme Pono Keobeile a re thekiso ya ditagi di tshwana motokwane e kwa godimo thata kwa motseng wa Mmopane, a bo a dira boikuelo go re ba ba tshwereng boikarabelo ba tsibogele seemo.
Le fa go ntse jalo mogolwane wa thuto kwa kgaolwaneng ya Mogoditshane/Thamaga, Mme Lesego Masitara, o solofeditse fa thulaganyo e tsweletse go leka go tlhotlhomisa bothata jo bo teng kwa sekoleng sa Gasiko a solofetsa fa tiro eo e tlaa fefogelwa. Mme Masitara o bile a solofetsa go kopana le khansele potlana ya kgaolwana ya Mogoditshane/Thamaga ka ngongorego ya batsadi ya go sa thusiweng go ya dikoleng ga baithuti ba ba-na-le-bogole ka motseng oo.
Mme Gopolang Selaledi o ne a supile ka monwana khansele potlana ya Mogoditshane/Thamaga gore e sa tsee ka tlhwaafalo dithuto tsa ba-na-le-bogole, a tlhalosa fa go se na thulaganyo e e lolameng ya go isa bana bao kwa dikoleng mme ba se ke ba lekodisiwe sepe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Sep 2013






