Breaking News

Kago ya molelwane e tsweletse sentle

23 Jan 2013

Kago ya molelwane o o kgaoganyang dipolasi tsa Haina Veld le mafudiso a morafe mo kgaolong ya Bokone Bophirima e e simolotseng ka ngwaga wa 2011 e tsweletse sentle .

Moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo, Rre Bautlule Kealatotse o tlhalositse fa kago eo, e solofetswe go wela ngwaga ono o ya fifing. Are go setse go agilwe dikhilomethara di le 164, mme ba saletswe ke 106.

A re ditlhotlhomiso di supa fa bolwetse jwa tlhako le molomo jo bo tlhasetseng kgaolo eo bo bonala thata mo leruong le le nnang mo mafudisong a a  tlhakanetsweng fa kwa dipolaseng bo seyo.

Rre Kealatotse o kaile fa go wediwa ga molelwane oo go tlaa fa barui ba dipolase sebaka sa go rekisa leruo la bone ka jaanong ba tlaa bo ba le mo kgaolong e e  nang le tshiamelo ya go rekisa kwa mebarakeng e e kwa ntle.

O tsweletse a tlhalosa fa maikaelelo a puso e le go batlela barui ba Nhabe mebaraka ya dikgomo tsa bone, ka ba tsere lobaka ba sa rekise leruo gope ka ntlha ya bolwetsi jwa tlhako le molomo.

A re e re le fa ba kopana le mathata a a tshwanang le a go tlhaela ga didirisiwa,  ga go kgoreletse mo go kalo ka ba kgona go tsaya didirisiwa kwa dikgaolong tse dingwe mme ba tsweledise tiro.

O supile fa mathata magolo a ba kopanang nao e le gore lefelo lengwe le le siketsweng dipolasi gaufi le kgaolwana ya Kareng ga le ise le tlhabololwe ka jalo go ama fa molelwane o tshwanetseng go tsamaya teng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Uzeuavi Mbaeva

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 23 Jan 2013