Breaking News

Twantsho masula e batla tshwaragano

11 Sep 2013

Baagi ba metse ya (BORAVAST) e leng Bokspits, Rapplespan Vaalhoek le Struizendam, ba na le seabe le setshaba ka kakaretso ba gwetlhilwe  go ema ka dinao ba tshwaraganela go nyeletsa borukutlhi,  petelelo le go tlhakanela dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga mo lefatsheng leno.

Ba gwetlhilwe jalo ke  modulasetilo wa khansele potlana Rre Sam Brooks a le  sebui sa tlotla mo thuto puisanong kwa Bokspits bosheng.

Rre Brooks o tlhalositse fa go tlhabologa ga lefatshe go godisitse borukutlhi, a re mapodisi a leka bojotlhe go tsaya tsia seemo se ka go bopa dikomiti tsa twantsho borukutli , dithutapuisano, le go gasa melaetsa ka diphuthego tsa kgotla, a supa fa ba ka kgona fela fa mongwe le mongwe a ka tsenya letsogo. O tlhalositse fa petelelo le tlhakanelo dikobo le bana ba ba dingwaga  di kwa tlase thata di ntsifetse.

O kaile fa go simologa ka ngwaga nwa 2008 go fitlha gompieno go begilwe dipetelelo tse tlhano le dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le pedi mo metseng ya tikologo eno. A re  ba tswa setlhabelo ga ntsi ke bo mme ba ba felelang ba tshela ka botlhoko mo dipelong le poifo botshelo jotlhe.

O kaile fa dikgang  tsa mofuta o, tse dingwe batsadi ba di loba ba lebile gore ba atswiwe ka sengwe go na le gore modira molato a o lebisiwe a bo a isiwe  kgolegelong.  A re go dira jalo ke go gataka ditshwanelo tsa bana.

Mogolwane wa  mapodisi a e seng a seaparo  kwa  Kgalagadi Rre Daniel Moleseng o ne a supa fa dikgang tsa petelelo, dipolaano le tsa go tlhakanela dikobo le bana ba bannye  di tshwenya  thata lefatshe ka bophara.

A re sebe sa phiri ke gore bontsi jwa dikgang tsa teng di felela di tsholotswe kwa mapodising ke bangongoregi.   O ne a kopa borre go fetola maikutlo le  dikakanyo le  mokgwa wa go  bolaya bakapelo ba  bone fa lerato le fedile ka e se bokhutlo jwa botshelo.

O ne a kopa batsadi go tlhokomela  bana ba basetsanyana ka go ba fa dikgakololo ka go ka ba thusa le gone gore ba iphaphe mo go okweng ka madi ke borre gore ba ratane le bone.

Fa a ba ema ka lefoko mookamedi wa mapodisi a kgalagadi senior supuritedent Masilo Motswri o ne a gwetlha  mongwe le mongwe go ema ka dinao go fedisa borukutlhi, ka go ka thusa go fitlhelela lengwe la matshego a tebelopele ya vision 2016, le ba sepodisi ba itebagantseng le lone la “tshaba e e sireletsegileng e bile e babalesegile.’’

Rre Motswiri o ne a kopa bommabana ba basetsanyana go ela tlhoko diaparo tse ba di ba rekelang ka le tsone di na le seabe mo peteleong ka di rokotsa borre, ka gantsi di galalela e bile di le di khutshwane di sa bipe mebele ya bone.

Mookamedi wa mapodisi a Kgalagadi o ne a kopa gape setshaba bogolo jang sa metse ya BORAVAST go ela tlhoko majalwa mangwe a go  balaesegang a rokotsa motho go batla tlhakanelo dikobo le gore bomme ba itsheketsheke go fetola  boitshwaro jwa bone le go tlogela mokgwa wa go iphitisa dino ka e le bone ba ba amegang gantsi mo dikgannye tsa petelelo.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : BOKSPITS

Event : Dithuto puisanyo

Date : 11 Sep 2013