Breaking News

Setshaba se tlhoka kitso ka botlalo - Batshu

11 Sep 2013

Tona wa lephata la pereko le selegae e bile e le mopalamente wa kgaolo ya Nkange, Rre Edwin Batshu, a re jaaka e le batlhokomedi ba setshaba, ke boikarabelo jwa bone go netefatsa gore se nna le kitso ka botlalo ka ditsamaiso le ditirelo tsa maphata ka go farologana.

Tona Batshu o ne a bua se mo phuthegong ya kgotla e a neng a e tshwere kwa  motseng wa Letlhakeng jaaka fa a ne a lekodisa batho ba motse oo ka ditirelo dingwe tse di fitlhelwang mo lephateng la gagwe di akaretsa kwadiso ya Omang, manyalo, dintsho le tsa pereko.

A re modisa yo o molemo ke yo o tlhaloganyang e bile a itse gore letsomane la gagwe le tlhoka go lekolwa nako le nako, a bolela fa go le matshwanedi gore gangwe le gape ba iponatse kwa setshabeng go supa fa ba le kemedi ya popota.

O tlhalositse go  re go molemo go lekodisana le setshaba ka tsa lefatshe la bone go lebilwe phitlhelelo kwa tebelopeleng ya setshaba ya ngwaga wa 2016, a bolela fa sone setshaba e le seipone sa tsotlhe tse di diragalang ka jalo go le botlhokwa go tswelelwa go nna le morero le sone.

Rre Batshu o tlhalositse fa kgang ya botlhokwa e le go itse go tswa mo setshabeng fa ba akola ditirelo tsa lephata ka fa go tshwanetseng ka teng le gore fa go sa nna jalo matsapa di a tsaya kae le gore bothata joo ba ka rarabololwa jang.

A re lefatshe leno le agetswe mo leduleng le thokgamo le melao e e nonofileng tse di melediwang mathe ke baditshaba, mme ke gore seo go netefatswe gore se tswelela sentse fela jalo ntle le go kgotlelwa kgotsa go senngwa.
O kopile gore go netefatswe gore go ikwadisetswa tsotlhe tse di tshwanetseng tsa ikwadisetswa jaaka dikarata tsa boOmang, matsalo dintsho jalo jalo, a tlatsa fa seo se le botlhokwa ka se ka fa puso ya fatshe leno lesedi la go dira ditogamaano.

Fa a ama tsa pereko, tona Batshu o boletse fa go lemotshegile gore batho ga ba a tlotla thata go dira ditumalano tse di tsepameng pele ba ka tsena mo go tsa khiro, a bolela fa go dira tumamalano e le jone bommantswitswidi mo go tsa mohiri le mohiriwa ka e kgona go hema dikgang di akaretsa bo go jewa ntsoma ga yo mongwe.

O gakolotse gape fa go le botlhokwa gore go ithutwe go be go tlhaloganngwe ka botlalo ka molao oo o amang tsa pereko go itsa dikgogakgogano tse di ka nnang teng.
Baagi  ba motse wa Letlhakeng ba supile fa ba amogela se se buiwang ke tona ba kaya fa seo se le boammaaruri, fela ba supa fa ba le sebete se molangwana ka go tlase kgapetsa kgapetsa ga boranyane kwa diofising tsa Omang kwa Letlhakeng mo go babaletseng fela thata.

Ba boleletse tona fa kgaolo eo e atlhame ka metse e tshwana le ya bo Motokwe, Tsetseng,  Diphuduhudu le e mengwe e tsaya dithuso kwa Letlhakeng mme go tlhaela ga boranyane mo go ba bakela ditshenyegelo tse di kwa godimo ka go pateletsa banni ba metse eo  go boa kgapetsa kgapetsa ba palama ka madi go ya Letlhakeng mme fela ba tswa ba sa thusega. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 11 Sep 2013