Breaking News

Komiti ya boipuso e a swabisa

11 Sep 2013

Kgosi ya Bobirwa yo e bileng e le leloko la ntlo ya Dikgosi, Mmirwa Malema o ntshitse matshwenyego ka komiti e e baakanyetsang boipuso ya Bobonong.

E rile mo phuthegong ya kgotla bosheng Kgosi Malema a re go a swabisa go bona komiti eo e se ke e nna le kopano epe e bile a sa itse kwa e le gatang teng.

Kgosi Malema o boletse gore komiti ya boipuso ya Bobonong e tshela fela fa madi a ipaakanyetso boipuso a dule mme a kopa morafe go tlhopha komiti e e tlhaga e e tlaa  tsamaisang ditiro tsa bopuso sentle.

O kopile morafe wa Bobonong go tla kgotleng kgwedi eno e le lesome le bosupa go tla go tlhopha maloko  a masha a komiti ya boipuso.

A re dikgotla ka go farologana mo motseng oo di ntshe baemedi ba ba nonofileng go tsenngwa mo komiting eo.

Mo go tse dingwe o kopile setshaba go simolola go rapelela pula le go ipaakanyetsa letsema.

O lekodisetse morafe gore  lekgotla le le sekang ditsheko tsa ikuelo le tlaa bo le reeditse ditsheko kgwedi ya Lwetse e le lesome le borataro mo kgotleng ya Bobonong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 11 Sep 2013