Breaking News

Thuto ga e golelwe e botlhokwa

11 Sep 2013

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Mme Baipelelang Photloko, a re lenaneo la thuto gae golelwe le botlhokwa.

E rile a bua kwa pulong semmuso ya beke ya baithuti ba lenaneo leo, Mme Photloko a tlhalosa fa lenaneo le le le botlhokwa fela thata ka le ruta ditiro tse di farologaneng tsa diatla, e seng go bala le go kwala fela.

A re ba na le ntlwana e e kwa Takatokwane, e e nang le dikhomputara mme moithuti mongwe le mongwe o letlelelwa go ya go e dirisa, a tlhalosa fa gape ba na le baithuti ba ba dirisang dipampiri go bopa, le ba ba logang ditlatlana.

A re le ntswa go kaiwa fa lefatshe leno le na le kwelo tlase ya itsholelo, puso e dirile maiteko a go tlhabolola kitso ya go bala le go kwala, go thusa lenaneo la thuto ga e golelwe go itshekatsheka.

O ne a lekodisa setshaba fa ba na le baithuti mo kgaolong ya Kweneng ba le 1 758, borre ba le 546, bomme ba le 1 204, mme gape mo palong tse go na le bana ba le 246 ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabongwe ba ba sa kgonang go fetsa sekole ka mabaka a a farologaneng.

Mme Photloko o ne a tlhalosetsa baithuti le setshaba gore lephata la thuto le itshwaragantse gape le ba Botswana Training Authority (BOTA) ba ba tlaa thusang baithuti ba thuto ga e golelwe ka go ba tlhatlhoba mo ditirong tse ba di ithutseng mme morago ba ba fe ditlankana.

O ne a rotloetsa botlhe ba ba tlaa bong ba tseneletse dithuto go di tsaya ka tlhwaafalo ka di le mosola thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Moses Mokoanele

Location : LETLHAKENG

Event : Beke ya baithuti

Date : 11 Sep 2013