Badirisi ba mekoro ba tlhoka tshireletso
23 Jan 2013
Mokhanselara wa Makgobokgobo kwa kgaolong ya Okavango, Rre Kitso Ngande a re, e re ntswa go tshwarwa segopotso sa ipabalelo tseleng ngwaga le ngwaga, go lebega go lebalwa go ruta setshaba ka ipabalelo mo metsing.
Mo potsolotsong le BOPA, Rre Ngande a gwetlhile puso go dira molao o o sireletsang batho ba ba dirisang mekoro. A re mo nakong eno, badirisi ba mekoro fa ba na le mathata molao ga o ba sireletse jaaka go diragala ka badirisi ba tsela, ba ba thusiwang ke ba lekgotla la Motor Vehicle Accident (MVA).
Mokhanselara a re ka jalo, badirela puso bangwe ba kgaolo ya Nhabe ba tshaba go isa ditlamelo kwa bathong ba metse e tshwana le ya Jao le Xaxaba ka jaana go se na molao o o sireletsang batho ba ba dirisang mekoro.
Molomaganyi wa lekalana la MVA le setshaba, Rre Thabo Morotsi a tlhalositse fa ba sa kgone go akaretsa batho botlhe ba ba amiwang ke dikotsi ka molao o sa ba letle go dira jalo. O tlhalositse fa go le mo maruding a badiragatsi ba molao go tla ka mogopolo oo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rebecca Katjimune
Location : Gumare
Event : Interview
Date : 23 Jan 2013






