Breaking News

Puso e tshwenngwa ke maduo a a welang tlase

11 Sep 2013

Puso e tshwenyegile ka maduo a ditlhatlhobo a a tsweletseng ka go wela tlase ngwaga le ngwaga.

Mopalamente wa Mogoditshane, Rre Patrick Masimolole o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa Ledumadumane mo  Mogoditshane ka Labobedi.

O kgadile a sa kgwe mathe go ikgogela morago ga batsadi mo dithutong tsa bana a re go dira jalo ke gone go bakang go sa direng sentle ga bana kwa sekolong.

Rre Masimolole a re go sa nneng le seabe ga batsadi mo dithutong tsa bana ba bone go busetsa tiro ya barutabana kwa morago ka ba tlhoka le kemo nokeng ya bone mo go tokafatseng maduo a bana.

A re batsadi ga ba dire sentle gore e re ba bidiwa kwa sekolong go tla go buisana ka mathata a bana ba bone ba bo ba sa iponatsa kwa phuthegong.

Masimolole o ne a supa fa bokopano ja batsadi le barutabana bo le botlhokwa fela thata ka jaana go buisanwe ka mathata a a amang dithuto tsa bana.

O ne a tlatsa ka gore fa batsadi ba sa eme ka dinao go thusa bana mo dithutong ba ba senyetsa bokamoso  ka jaana thuto e aga bokamoso.

Rre Masimolole yo e bileng e le mothusa tona wa lephata la thuto, o ne a bolelela batho ba motse oo fa thuto ya ngwana e le pitsa e e maoto mararo, ka jalo e tlhoka morutabana, motsadi le ngwana.

O ne a kopa batsadi go emisa go senya bokamoso ja bana ka bangwe ba ba rekisetsa motsokwe le bojalwa mo go ba ntshang mo tseleng ya thuto le go ba senya maitsholo.

Mothusa tona a re bojalwa le sekolo ga di tsamaelane ka jalo batsadi ba tshwanetse ba godisa bana ba bone ka tsela e e tshwanetseng gore bokamoso jwa bone bo nne jo bo kgatlhisang.     

A re e ne ya re puso e bona Batswana ka bontsi ba sokola ya letlelela batho go rekisa dijo le tse dingwe mme ke bone batho bao gape ba ba rekisetsang bana metsokwe le tse dingwe tse di sa letlelelweng.

Rre Masimolole a re ka jalo batsadi ba tshwanetse ba itse gore bana ba ke ba bone mme ba seka ba ba senyetsa sekolo le bokamoso.

Mo go tse dingwe mothusa tona o boletse fa puso e tsere tshwetso ya go rurifatsa gore dikolo tsotlhe mo lefatsheng la Botswana di tlaa tsenngwa motlakase le tse dingwe tse di tlaa dirang gore baithuti ba ba kgakala le ditlamelo ba tshwane le ba ba mo ditoropong. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : LEDUMADUMANE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Sep 2013