Thekiso ya lefatshe e a tshwenya
11 Sep 2013
E re le ntswa lephata la kabo ditsha le tshwere phage ka mangana mabapi le go baya Batswana ditsha mo dikgaolong ka go farologana, go na le matshwenyego a gore bangwe ba tsweletse ka go rekisa lefatshe.
E rile Mopalamente wa Mogoditshane, Rre Patrick Masimolole a bua mo phuthegong ya kgotla kwa Ledumadumane, a supa fa puso e sa itumedisiwe ke tsela e Batswana ba rekisang ditsha ka yone.
A re dikopo tsa ditsha di di ntsi mo lephateng la kabo ditsha mme e a re batho ba sena go bewa ditsha ba bo ba bowa ba di rekisa mme morago ba ipoeletse go kopa tse dingwe. Rre Masimolole a re mathata a a amile thata kgaolo ya Mogoditshane ka jaana batho ba rekisa ditsha gore ba reke dikoloi mme kwa bofelong e nne matlhotlhapelo.
O ne a bolelela baagi ba motse gore koloi ga se selo se motho a ka beeletsang mo go sone ka jaana e kgona go senyega mme ntlo yone motho o ka hirisa gore a kgone go itshetsa. O ne a ba kopa go emisa selo se ka jaana Batswana ba tsweletse ka go amogiwa lefatshe mme bone e nna bakopi morago ga thekiso.
Rre Masimolole a re sengwe sa ditlamorago ke gore motho a bo a simolola go lwela boswa le bo monnawe ntswa a ne a filwe setsha mme a se rekisa go itumedisa pelo ka nako eo. A re le ntswa palo ya batho e tsweletse ka go oketsega lefatshe lone ga le gole me ka moo Batswana ba tshwanetse ba somarela lefatshe la bone.
E rile Rre Kemiso Tlhong a mo kgwa dikgaba, a supa fa dikgang tsa lefatshe di ba tshwentse fela thata mme a kopa ba gagabo go emisa kgang eo.
A re lefatshe le tlhokometswe ka botswerere mathata a ba nang le one ke go latlhelwa ga matlakala mo motseng wa bone mme selo se se dirwa bosigo ke batho ba ba tswang go sele.
O ne a kopa khansele go ema ka dinao go tseela batho ba ba ntseng jalo dikgato go emisa go gasagasa matlakala.
Morafe wa motse o ne wa supa fa kgang e e tshwanetse ya emelwa ka dinao gore ba seka ba iphitlhela ba iphotlhere, ditsha tsa bone di tsamaile. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Sep 2013






