Mapodisi a tshwere dipodi tsa bogodu
11 Sep 2013
Mapodisi a Ramotswa a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go tshwerweng dipodi di le masome a mabedi le botlhano tsa matshwao a a farologanyeng.
Mogolwane kwa ofising ya sepodisi ya Ramotswa, Assistant Superintendent Norman Semele o kaile fa go belaetsa dipodi tse e le tsa bogodu. Rre Semele o tlhalositse fa ba tshwere dipodi di le lesome le boraro ka kgwedi ya Tlhakole e tlhola malatsi a le masome mabedi le borobabobedi, fa tse dingwe di le lesome le bobedi di tshwerwe kgwedi ya Phatwe e tlhola malatsi a le masome a mabedi le borataro.
O tlhalosa fa dipodi tse di tshwerwe gaufi le masimo a Dithojane le Lefaufaung gone mo kgaolong ya Gamalete. O tswelela a tlhalosa fa ba tshwere babelaelwa ba le babedi ba borre ba go belaelwang ba amana le bogodu jwa leruo. Ditlhotlhomiso di ntse di tsweletse mme setshaba se kopiwa go ya go bona dipodi tse.
O ne gape a gakolola Setshaba go ikopanya le mapodisi a bogodu jwa leruo gone kwa diofisisng tsa mapodisi a Ramotswa fa se tsile go bona dipodi kana fa ba kopa tlhaloso mabapi le dipodi tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesego Lelokwane
Location : Ramotswa
Event : Potsolotso
Date : 11 Sep 2013






