Breaking News

Go rupa go fokotsa kanamo ya mogare

11 Sep 2013

Molomaganyi wa ditirelo tsa loaro la bo rre kwa Kweneng Bophirima, Rre Thebeyame Mothibedi o  kgothaditse banna ba Metsibotlhoko go dira learo le le babalesegileng la bo rre.

O buile jalo mo phuthegong ya kgotla bosheng kwa motseng oo. Rre Mothibedi o supile fa go  rupa ga bo rre go sa kganele go tsenwa ke mogare wa HIV mme o tlhalositse fa e le tshireletsego ya selekanyo sa masome a marataro mo lekgolong. O ne a tswelela a gwetlha bo rre gore go mo maruding a bone  go bona gore mo masomeng a mane mo lekgolong a a setseng ba itshireletse.

Le fa go ntse jalo, borre ba ba rupileng  ba rotloeditswe go dirisa sekausu ka dinako tsotlhe fa ba tlhakanela dikobo. Rre Mothibedi o lebogile batsadi ba ba neng ba tshwaraganela botsogo jwa bana ba bone le ba botsogo ka go isa bana kwa dikokelong go dirwa learo la bo rre fa dikolo di tswetswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 11 Sep 2013