Breaking News

Baruakgomo ba gakolotswe go kopa dikgakololo

23 Jan 2013

Baruakgomo ba rotloeditswe go kopa dikgakololo mo bakenting ka kalafi ya malwetsi a matlho a gantsi a tshwenyang leruo ka paka e. 

Moanamisa mafoko wa lephata la temo thuo mo kgaolong ya Bokone Bophirima, Rre Bautlule Kealatotse o ntshitse kgakololo e, mo potsolotsong. A re go le gantsi, baruakgomo ba dirisa metswako e e ka kgotlelang matlho a leruo.

Rre Kealatotse a re paka e, e tshabelelwa ke malwetse a matlho a gantsi a bakwang ke dintsi tsa dikgomo le tsa dintsa tota.

A re barui ba ka ikopanya le bakenti ba dikgaolo tsa bone go ba thusa ka melemo e e lebanyeng. O tladitse ka gore gape go dira jalo go ka ba thusa go dira ditshekatsheko mabapi le bolwetsi jwa seruiwa.

O boletse fa dikgomo le tsone di kgona go lwala kankere ya leitlho e e kgonwang  fela ke go ntsha seruiwa leitlho.

 Rre Kealatotse o tlhalositse fa melemo ya matlho ya bopi le o o gasiwang mo matlhong a seruiwa (eye powder oxytetra-cycline and obecline sprayer), e le teng ko marekisetsong a dijo le melemo  ya leruo kgotsa LAC.

Ntswa le fa gona le ditsela tsa segompieno tse leruo le ka alafiwang ka teng,  morui  wa motsana wa Kgantshang, Rre Galetlhabile Mothowamadi o boletse  fa ene a  santse a alafa matlho a diruiwa tsa gagwe ka sukiri. 

 Rre Gobonwang Motlhaedi wa motsana wa Segoro, o tlhalositse fa a setse ngwao morago go alafa dikgomo tsa gagwe matlho. A re fa leitlho la kgomo ya gagwe le simolola go tshologa metsi, o itlhaganelela go besa tshipi go fitlha e lelafala. A re o tla a bo a gatisa ka tshipi eo leitlho lotlhe, mme le fole. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagisitswe Dioka

Location : Maun

Event : Potsolotso

Date : 23 Jan 2013