Breaking News

Banni ba Jwaneng ba rapelela pula

10 Sep 2013

Baruti le batho ba toropo ya Jwaneng e ne ya re ka letsatsi la Tshipi Lwetse a tlhola borobabobedi ba phuthaganela kwa kgotleng go rapelela pula ga mmogo le go bula semmuso kgwedi eno ya thapelo.

E re ka morafe o ne o tsile ka boutsana, moeteledipele wa lekgotla la baruti kwa Jwaneng Rre Binang Makgetho o ne a re go tlhabisa ditlhong gore e re dikereke di le dintsi mo toropong eo baruti ba bo ba le boutsana mo kopanong ya go rapelela pula. A re mokgwa o wa gore baruti ba nne maoto a tshupa mo ditirong tse ba ka bong ba di tshwaraganela le puso o a tshwenya ka jaana seabe sa baruti se tshwanetse go bonala mo ditirong tsa setshaba.

O ne a kgothatsa manoto a a neng a tsene merapelo eo  go tswelela ka go rapelela diemo tse di mo lefatsheng leno di akaretsa leuba le malwetsi. 

“A re tsweleleng ka go nonotsha dithapelo tsa rona ka gore tiro ya mokeresete ke go rapela le go rapelela motho yo mongwe gammogo le tsone diemo tsa lefatshe la gagwe,” a tlhalosa.

Rre Makgetho a re mo dingwageng tse di fetileng kgwetlho e ne e le go rapelela bolwetsi jwa HIV/AIDS mme gompieno malwetsi a mangwe le one a tsere phekelo e sele. A re malwetsi a tshwana le madi a matona, kankere le sukiri a tsweletse ka go garimola batho bogolo jang banana.

A re e le maloko a lekgotla la baruti ba itlamile go dirisa kgwedi eno ya Lwetse go tsamaya le toropo ya Jwaneng gotlhe le mo maphateng a a farologanyeng go rapelela dikgwetlho tse tsotlhe. A re mme tiro ya mofuta o e tlhoka tshwaragano le tirisanyo mmogo gore kwa bofelong lefatshe la Botswana le nne le pharologanyo.

Kgosi Segale Letshele le ene o ne a supa fa a tshwentswe ke go bo batho ba tsile ka boutsana kwa kopanong eo le ntswa ba dirile bojotlhe go anamisa molaetsa. O ne a kopa ba ba tsileng go sa kgobege marapo ka jaana bokamoso jwa lefatshe leno bo le mo diatleng tsa bone ebile se ba se dirang e le tema go ya kwa ngwageng wa 2016.

A re ka tsela nngwe batsadi ba na le seabe mo botlhoka-tsebeng jo bo diragalang mo lefatsheng leno ka jaana le bone ba retelelwa ke go tsena dipitso fa ba bidiwa. 

A re   motsadi yo o ganang go tsena diphuthego o ka kgona jang go kgalemela bana fa ba fapoga tsela. BOKHUTLO

Molaodi wa Jwaneng Rre Richard Boitshwarelo ene o ne a akgolela baruti boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo ka jaana e nna e le bone ba ntlha go utlwa mokgosi fa o kuiwa bogolo jang e le selelo sa setshaba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Jwaneng

Event : Dithapelo

Date : 10 Sep 2013