Banana ba maoto a tshupa - kgosi
10 Sep 2013
Kgosi Mpana Dintwa wa Lefhoko mo kgaolong ya Borwa, o ngongoregile ka go nna maoto a tshupa ga banana ba motse wa gagwe mo go dirisengmananeo a nyeletso lehuma.
Kgosi o boletse mo potsolotsong go re banana ba motse wa gagwe ga ba supe keletso epe ya go batla go bula dikgwebo le go boela sekoleng le mororo badiri ba puso ba etela motse wa gagwe go ba ruta ka mananeo ao le mosola wa one.
Kgosi Dintwa o ne a tlhalosa fa a tshwenngwa le ke dipalo tse di kwa godimo tsa banana ba motse ba ba sa itseng go bala le go kwala le ntswa go na le lenaneo la thuto ga e golelwe.
Mo go tse dingwe, baagi ba Lefhoko, fela jaaka Batswana ba bangwe, ba amogetse kopo ya ga Tautona ya go rapelela pula mo pakeng ya pula ka lefatshe le tlhaelelwa ke metsi.
Kgosi Dintwa o tlhalositse fa ba simolotse go rapelela pula fa kgwedi ya Lwetse e rogwa, a tlhalosa fa letsatsi le letsatsi mo mosong, ba kokoana kwa kgotleng le baruti go rapelela pula, mme a re fa go rapelwa ka bongwefela jwa pelo le popagano mo setshabeng, Modimo o tlaa utlwa dilelo tsa Batswana mme pula e ne.
O ne a kgothatsa banana go tla dithapelong tsa pula moso le moso kwa kgotleng ka dipalo tse di kwa godimo gore ba ithute ditsamaiso mo bagolong ka Motswana a re letlhaku le lesha le agelwa mo go le legologolo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Segolame Lemme
Location : LEFHOKO
Event : Potsolotso
Date : 10 Sep 2013






