Breaking News

Khansele ya Kweneng e oketsa di nako tsa bagwebi

10 Sep 2013

Makhanselara a Kweneng a dirile diphetogo mo melawaneng ya kgaolo e e ntseng e le teng le go tsenya e mesha.

A dirile jalo mo phuthegong ya makhanselara e e tsenang sephatlo sengwe le sengwe sa ngwaga. Mongwe wa  melawana e e ntshafaditsweng, ke o o laolang bagwebi ba babotlana, ba ba rekisetsang mo mekgwatheng.

Mo molawaneng o, go okeditswe nako ya go gweba, ka jalo bagwebi ba tlaa simolola tiro ka nako ya metsotso e le masome a mararo morago ga nako ya bosupa, go fitlha ka nako ya lesome bosigo fa gare ga beke.

Ka mafelo a beke, bagwebi ba babotlana ba ka simolola tiro ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya bosupa go fitlha ka nako ya lesome le motso mo bosigong.

Mo molawaneng wa go laola go tsosa modumo, baikopedi ba tshwanetse go tsaya tetla mo bagolwaneng ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go tshwara maitiso, a a akaretsang a meopelo ya dikhwaere, metshameko ya itloso bodutu le meopelo ya dikereke.

Mo maitisong a, go tshwanetse ga bo go se na thekiso ya bojalwa e bile tetla ya go tshwara maitiso e dirwa ka P500 mme dikereke tsone di tlaa bona tetla eo ka P200.

Madi a go roba molawana wa ipapatso ya kwa ntle, e akaretsa dikoloi tse beng ba di rekisang mme ba di tlogela fa thoko ga tsela a okeditswe go nna P 2 500 go tswa kwa go P 1000.

Mo molawaneng wa bagwebi ba babotlana ba thekiso ya dijo, teseletso ya kopo ya thekiso e e ntseng e tsaya kgwedi tse tharo, e tlaa tsaya ngwaga.

Mo molawaneng wa taolo ya motsamao wa dintsa, beng ba dintsa ba rotloeditswe  go di hapha go itsa gore di tshwenye baagisani le go tsosetsa modumo, e seng jalo ba tlaa atlholwa.

Melawana e e ama kgaolo yotlhe ya Kweneng, go akaretsa masimo le magae.

Mmueledi wa khansele ya Kweneng, Yamikani Patson o ne a tlhalosa fa paakanyo ya melawana e, e tlaa simolola go tsena mo tirisong morago ga tshekatsheko ke tona wa dikgaolo le tlhabololo magae.

Makhanselara a ne a kopa le gore go tsibogelwe go baakanya maranyane le go gokela inthanete gore ba fefose tiro.

Mokwaledi wa khansele ya Kweneng, Rre Wazha Tema, o ne a re o dumalana le makhanselara ao a tlhalosa fa inthenete e ne le teng mme e rile go sena go lemogwa fa e sa sireletsega ka go tlhoka sephiri, ya kgaolwa.

Rre Tema o solofeditse go kopa ba lekalana la khansele la  boranyane le ditlhaeletsano go gokela maranyane a a sireletsegileng. Bokutlo

Source : BOPA

Author : Kenanao Mmopi

Location : MOLEPOLOLE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 10 Sep 2013