Breaking News

Tikologo e e phepa e ka hema borukutlhi

10 Sep 2013

Molaodi wa kgaolo ya Borwa Botlhaba, Rre Ian Tema, o kgothaditse Batswana go nna mo tikologong e e phepa ka dinako tsotlhe.

Rre Tema o buile se, fa a ne a bula letsatsi la go ipelela tikologo e e phepa kwa motseng wa Otse mo bekeng e e fetileng. Rre Tema o kgothaditse Batswana gore ba se phepafatse fela ka nako ya phepafatso tikologo, mme ba netefatse gore ka dinako tsotlhe motse o nna phepa, ba kgaole ditlhare tse di tlhokang go kgaolwa gore dirukutlhi di seka tsa iphitlha mo go tsone

Modulasetilo wa khansele eo, Rre Joseph Sorinyana, o ne a tlhalosa gore  letsatsi le, le diretswe go kgothatsa le go rotloetsa batho gore ba tlhokomele tikologo le go leboga batho mo maitekong a bone mo  letsholong la ipapatso ya go tlhokomela tikologo.

Mogolwane wa kompone ya Cleaning Wizard, Rre Odirile Monare, o kopile Batswana go farologanya matlakala, ka go na le  a a borai, jaaka a kwa dikokelong, a a tlhokang go tshubiwa. Rre Monare a re matlakala fa a nna lebaka le leleele a sa latlhiwe, a ka oka dintsi le mafele tse di bakang malwetse.

Molalediwa wa tlotla e bile e le ene sebui sa tlotla, Rre Seabelo Tlhaselo, o boletse fa kgaolo ya borwa botlhaba  e itsege ka  go dira bontle mo phepafatsong tikologo, go tloga ka ngwaga wa 2004.

Rre Tlhaselo o boletse fa motse wa Tlokweng o ne wa tsaya maemo a bobedi mo dikgaisanong tse di neng di tshwerwe kwa kgaolong ya Kgatleng ngwaga e e fetileng.

O boletse fa go sa tlhokomeleng tikologo,  go ka baka gore puso e dirise madimadi go alafa malwetse a a bakwang ke tikologo e e leswe.

O kopile Batswana go fokotsa kana go busetsa matlakala mo tirisong, gore lehuti la matlakala le se ka la tlala ka bonako. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : OTSE

Event : Ipelelo tikologo e e phepa

Date : 10 Sep 2013