Breaking News

Khurumela e gapa sekgele

10 Sep 2013

Kgaolwana ya Khurumela kwa Palapye, e gapile sekgele mo dikgaolong  tsotlhe tsa Palapye kwa dikgaisanong tsa mmino le botaki, tse di neng di tshwaretswe kwa Palapye ka mafelo a beke.

Kgaolo eo e tsere sekgele sa ntlha mo dikhwaereng, morago ga gore khwaere ya Dinganga e gape maemo a ntlha mme ya ikgapela dikete tse tlhano tsa dipula, e longwa serota ke ya Metuka, ya kgaolwana ya Boikago, e yone e ikgapetseng madi a kana ka dikete tse tharo.

Kgaolo ya khurumela e ile ya ipoeletsa go gapa maemo a ntlha mo pokong, fa Gosego Morris a sena go gaisa baboki ba bangwe mme a ikgapela madi a kana ka dikete tse pedi le sephatlo, fa Lorato Dimeku wa kgaolo ya Boikago, a bone maemo a bobedi mme a ikgapela madi a kana ka sekete le sephatlo.

Mo mminong wa katara, Michael Monang le Duncan Moilwa ba ile ba ikgapela maemo a ntlha le a bobedi ka tatelano, fa mo metshamekong.

A di Lele go tswa Khurumela, e ile ya gapa maemo a ntlha mme Go sha Legong ya Boikago, yone ya gapa  a bobedi.

Mongwe wa baatlhodi Rre Kelebogile Maletsanaka, o kgothaditse badiragatsi go ikatisetsa dikgaisano ka tlhoafalo, a supa gore bangwe ba ne ba le ditlhong e bile ba supa fa ba sa ipha sebaka sa go itlhokotsa sentle. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Moopelo wa khwaere

Date : 10 Sep 2013