Tikolologo e ama botsogo
10 Sep 2013
Mogolwane wa lephata la merero ya tsa tikologo , Mme Dollina Malepa o itsisitse baagi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ka botlhokwa jwa go phepafatsa tikologo ya bone.
O buile jalo kwa moletlong wa kabo dimpho ya dikgaisano tsa phepafatso tikologo tsa kgaolo ya Bokone Botlhaba, kwa motseng wa Tshesebe bosheng. A re go botlhokwa thata gore batho ba tlhokomele tikologo ya bone ka go e phepafatsa le go tlhokomela matlakala, a re go dira jalo go tlaa thusa gore lefatshe leno le fitlhelele matshego a tebelopele ya 2016.
A re go tlhokomela matlakala go thusa gore tikologo e se ka ya kgotlelesega mme seo se thuse go tila malwetse ka go farologana. Mme Malepa a re moono o o reng: Tikologo le Lebopo ke Boikarabelo jwa Setshaba’, e gwetlha mongwe le mongwe go nna le seabe sa go phepafatsa tikologo le go latlha mekgwa e e sa siamang ya go tshuba matlakala, go a latlhela mo mekgatsheng le fa thoko ga ditsela gammogo le mo dikgweng.
Mme Malepa o gwetlhile morafe go phepafatsa metse ya bone ka dinako tsotlhe, e seng fela ka ntlha ya dikgaisano. O ne a supa gore puso e dirisa didikadike tsa madi mo tlhokomelong ya matlakala, a tlhalosa fa madi ao a ka bo a dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe tse di botlhokwa, ka jalo o ne a supa fa go busetsa matlakala mo tirisong e le tsela nngwe e e ka thibelang gore a gasagasame.
Mo boemong jwa mokwaledi wa khansele ya Bokone Botlhaba, Rre Mpho Morapedi, o ne a tlhalosa gore maikaelelo a letsatsi leo ke go sedimosetsa morafe ka botlhokwa jwa go tlhokomela tikologo e ba nnang mo go yone le ka ditlamorago tsa go gasagasa matlakala.
Mo dikgaisanong, go ne go tlhatlhobiwa metse, dikokelo le dikole mme metse e ne e tlhatlhobiwa go ya ka e mennye, e e fa gare le e metona. Mo metseng e mennye, maemo a ntlha a tserwe ke motse wa Masingwaneng, maemo a bobedi le a boraro a tserwe ke metse ya Masukwane le Butale ka go latelelena ga yone.
Mo metseng e e fa gare, maemo a ntlha a gapilwe ke motse wa Siviya fa a bobedi a gapilwe ke motse wa Jackalas No 1 mme motse wa Tsamaya wa gapa maemo a boraro.
Mo metseng e metona, motse wa Matsiloje o tsere maemo a ntlha mme o latelwe ke metse ya Tati Siding le Matshelagabedi mo maemong a bobedi le boraro ka go latelelana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : TSHESEBE
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 10 Sep 2013






