Mosielele o amogela dikgafela
10 Sep 2013
Megolokwane le meribo ya pina tsa setso e ne e lelela boatleng fa lerole le ne le kgama mokodue kwa kgotleng kgolo ya ga Mmanaana kwa Moshupa, fa Bakgatla ba ne ba gorosa dikgafela bosheng.
Go ne go leba yo o sebete fa mpaatshane a kgaoga, dijase di fofa mo phefong, setlhako sa ga kgosi se sutlhwa se ba se latsiwa ka loleme.
Dikgotlana tsotlhe tse di mo motseng wa ga Moshupa di ne di tlhomagane ka maemo a tsone, di isitse dikgafela kwa kgosing. Bomme ba ne ba apere megagolwane le dikhiba tsa jeremane, ba rwele dinkgo di tletse bojalwa jwa Setswana, fa bangwe ba bone ba ne ba rwele ditlatlana di tletse thobo ya ngogola, mabele, mmidi, letlhodi, lengangale le tse dingwe tse Batswana ba di ratang bobe.
Borre ba matlhogotsweu ba ne ba ntse fa kgotleng le kgosi ba dumaduma ba ntse ba ikgatsha ka diphafana tsa bojalwa, dinkgo di phophoma lehulo le lesweu, le le supang gore bojalwa jwa teng ga se nkwe.
E rile a amogela dikgafela tseo, Kgosi Kgabosetso Mosielele II, yo e bileng gape e le leloko la kgotlakgolo ya ditsheko ya Setswana , a bolela fa dikgafela e le ngwao ya bone ya Sekgatla, e e dirwang ngwaga le ngwaga e le go leboga Modimo gore ba dikile ba kgonne go bona sengwe kwa masimo, ditebogo.
Kgosi, yo oneng a patilwe ke borangwaneagwe le magosana a motse, o lopile Modimo go nesa pula ya masubelele gore balemi ba dike ba lemile thata ba kobele leuba, tlala le lenyora kgakala.
O boletse fa dikgafela gape e le nngwe ya sebaka sa go supa ngwao morafe ka go twe tshaba e se nang ngwao ke moka e latlhegileng.
Kgosi Mosielele o boletse fa puso e ka se ke e kgone go phakisa mongwe le mongwe mo itsholelong e e wetseng tlase jaana le mororo batho ba na le diatla le ditlhaloganyo tsa go itirela. A re fa batho ba ka bo ba lema jaaka bogologolo go ka bo go se na mophako wa gompieno.
O boletse fa puo ya Setswana le yone e nyelela ka monokela mo eleng gore le dikokomane tsa bone di tsile go itshwara melemo.Sebui sa tlotla sa letsatsi leo, Professor Thapelo Otlogetswe, motlhatlhalela dithuto tsa dipuo kwa Mmadikole, o boletse gore dithuso tse puso e di fang batho e ba dirile ditshwakga ka gore jaanong ba emetse ‘atlhama ke go jese’ fela.
Pro.Otlogetswe o boletse fa metlhala ya khumo e le mentsi mme fa e kalatedisiwa, e ka thusa Batswana go lesa go baya mo pusong fela.
O ba kgothaditse gore ba ikopanye ba thusane ba dire dikgwebo tse ka tsone ba ka ijesang le bana ba bone.
O boletse fa mowa wa boipelego e le one konokono mo merafeng gore ba itlhabolole ba intshe kwa morago.
Le ene o kopile maphata otlhe go rapelela pula gore ditshedi tsotlhe di tle di nne mo ledulong le le monate.
Kgosi Oscar Mosielele yo mo gompieno e leng motshwaralelakgosi, o boletse fa mapolotiki ba sentse batho ka go ba solofetsa dilo tsotlhe, ke sone se mowa wa boipelego o nyeletseng ka sone.
A re batho ba na le lefatshe le ditokololo mme ga ba batle go itirela. Kgosi o boletse fa letsatsi lengwe fa lefatshe leno le ka welwa ke seru sa go tlhoka tse tsotlhe go ya go nna le selelo le khuranyo ya meno ka batho jaanong ba beile mo mophakong fela.
O kgothaditse dikgosana tse di dirang le ene go bereka ka thata go thusa go etelela morafe ba o lemotsha botlhokwa jwa go itirela.
A re tiro ya bone ga se go sekisa fela le go letlanya, ke go fa morafe lesedi la botshelo. Kgosi o ne a bolela fa ngwaga o o tlang ba tlaa tlhabololo dikgafela tsa bone ka go dira gore go nne le metlagana e ka yone morafe o tlaa bong o rekisa ditiro tsa diatla.
Kgosi o boletse gore ba ba tlaa bong ba kapa ditshwantsho le mantswe ba tlaa bo balefisiwa madinyana a a tlaa tsenang mo letloleng la bone.
Go ne go le monate mo kgotleng mo dinakong tsa tshokologo fa jaanong dinkgo di ne di buletswe, go jewa dijo tsa setso go ba go latlhwa fa kwa bojalweng jwa Setswana gone ke sa bue ka gore mantswe a bannabagolo a ne a ile magoletsa ke bona gore dintshe di ne di tsena ka madi sentle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOSHUPA
Event : Dikgafela
Date : 10 Sep 2013






