Botsogo bo tla pele
10 Sep 2013
Badiri ba maphata a dikitsiso le kgaso ba ba direlang kwa kgaolong ya Kweneng, ba rotloeditswe go tlhaloganya fa botsogo jwa mmereki bo tla pele ga tiro, mme ka jalo ba tshwanetse go ipha nako ya go itlhatlhobela malwetse a a farologaneng le go itshidila mebele.
Thotloetso e, e ntshitswe ke molomaganyi wa ditirelo tsa dikgang tsa HIV/AIDS kwa ofising ya ga Tautona, Mme Olebeng Kgabo kwa letsatsing la boitekanelo le le neng le rulaganyeditswe badiri bao ke ba ofisi ya ga Tautona mme le tshwaretswe kwa Molepolole .
Mme Kgabo o kaile fa letsatsi leo le ne le tshwerwe ka maikaelelo a go tsibosa badiri bao ka dikgang tsa HIV/AIDS, le go rotloetsa tshwaragano magareng ga badiri ba ba direlang kwa ofising kgolo kwa Gaborone le ba ba mo dikgaolong.
A re badirelapuso ba tshwanetse go tlhaloganya fa go le botlhokwa go ya mo ditirong ba itekanetse mo mebeleng le mo tlhaloganyong gore ba ntshe maduo a mantle.
Mongwe wa bagolwane ba ofisi ya ga Tautona, Mme Tlhabologo Chephete, o tlhaloseditse batsena tiro eo fa botsogo jwa bone bo le mo diatleng tsa bone, mme a ba kopa go tsaya boikarabelo jwa go netefatsa gore botsogo jwa bone bo babalesegile ka dinako tsotlhe.
A re fa mmele o sa itekanela, motho o kgona go laolwa ke maikutlo a gagwe mme a palelwe ke go dirisana le ba bangwe sentle, mme ka jalo o ne a ba rotloetsa go itshidila go lapolosa tlhaloganyo le gone go tila go tsenwa ke malwetse a a ka kgonwang go thibelwa a tshwana madi a matona.
O ne a kopa bodiredi jwa puso go bereka ba lomaganye, a supa fa tirisano le go kgathala ka ba bangwe go le botlhokwa thata mo tirong.
O ba kopile go emana nokeng mo diemong tse di thata go ntsha maduo a a tlhokegang ka dinako tsotlhe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : LETLHAKENG
Event : Letsatsi la boitekanelo
Date : 10 Sep 2013






