Breaking News

Matlo a BHC a tlhoka tlhokomelo

09 Sep 2013

Mogolwane wa Botswana Housing Corporation ( BHC) o gakolotse banni ba matlo a BHC gore matlo ao ke a setshaba mme a tlhoka go babalelwa ke badirisi ba one.

Rre Kesebonye Khimbele o buile jalo mo phuthegong ya BHC le banni ba BHC bosheng kwa Jwaneng. A re tota matlo a ga se a mong mme a tshwanelwa ke tlhokomelo e seng go dirwa mabaakanyetso a  dikoloi, marekiso a bojalwa ga mmogo le go leletsa diromamowa kwa godimo.

O ne a gatelela gore banni ga ba tsee matlo jaaka ekete a bone le bana ga ba rutiwe go nna phepha. Rre Khimbele o gakolotse banni ba matlo a BHC go duela ka dinako tse di dumalanweng go tila go tseelwa dikgato ke kompone.

O ne a bolela fa matlo a unit 1 a a tumileng ka go bidiwa samaphaletshe a sa rekisiwe ka a fetilwe ke nako ebile a emetswe ke go thujwa, a tlhalosa fa keletso e le gore banni ba one ba bone boroko pele ga matlo a thujwa.

E rile fa a ntsha la gagwe mokhanselara Bankinyana Montsiemang a gatelela gore Batswana ba akarediwe mo thekong ya matlo ebile go seka ga nna le kgethololo.

O ne a tswelela a akgolela kompone go aga matlo kwa  Jwaneng ka toropo e tlhaelelwa ke boroko mme a gatelela gore seemo sa Samaphaletshe se potlakelwe ka go gokelwa motlakase wa nakwana go sa ntse go batlwa boroko jwa nakwana.

Banni bangwe mo matlong a kompone, ba ne ba kopa gore e potlakele go baakanya matlo segolo bogolo fa ba ikuetse kwa go bone, ba bolela fa kompone e tsaya nako go baakanya matlo fa ba  ikuetse kwa go yone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keabetswe Gobatlwamang

Location : JWANENG

Event : Phuthego

Date : 09 Sep 2013