Komiti ya masole e aba ntlo
09 Sep 2013
Mothusa mookamedi wa sesole sa Botswana, Major General Placid Segokgo, o akgoletse komiti ya sesole ya HIV/AIDS kwa Maun maiteko a bone a go dira pharologanyo mo go ba ba tlhokileng lesego.
O lebogile maloko a komiti eo jaaka a ne a rolela Mme Cathrine Modise ntlo, le ntlwana ya boitiketso ga mmogo le pompo semmuso. Mo godimo ga moo, batsena moletlo wa go aba dimpho tseo ba ne ba kgobokanya madi a a fetang P1000, go abela ba lelwapa la ga Modise go inamola leuba.
Major Gen. Segokgo a re go a itumedisa go bona ba sesole ba supa le go tshegetsa mowa wa bojammogo ka go tsenya letsogo mo setshabeng gore batho ba lemoge fa tiro ya bone e se go ba sireletsa fela mme ba kgathala ka Batswana ba bangwe.
O tsweletse a re o itumelela gore go bo go rena kagiso le thokgamo mo lefatsheng leno, a re seo ke sekai sa gore e le ruri masole ga se baba ba morafe.
Major Gen. Segokgo o ne a kgothatsa Mme Modise go leboga Modimo go bo bana ba gagwe ba mo gopotse ka go mo direla bontle, a re o solofela fa mo nakong e e tlang, ba tlaa dira go feta foo.
Fa a tlhalosa ka dimpho tseo mogolwane wa sesole ebile e le mogokaganyi wa komiti ya HIV/AIDS kwa Maun Rre Philip Searobi, o ne a bolela fa ba ne ba itshwaraganya le ba ofisi ya boipelego go ba batlela mongwe yo ba ka mo thusang.
A re le bone ba bone go tshwanela go supa seabe sa bone mo go diragetseng lengwe la matshego a tebelopele ya setshaba le le buang ka tshaba e e lerato ebile e kgathala ka ba ba tlhokileng lesego.
A re se ba se dirileng gape ke karabo ya mokgosi wa ga Tautona ka jaana a kopile Batswana ka kakaretso go thusa ba ba dikobo dikhutswane ka go ba fa seriti.
Mme Modise o ne a galaletsa ba sesole, a re ba mo namotse mo tshotlegong.
A re o ikutlwa a na le seriti ka jaana a kgona go robala boroko kgo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 09 Sep 2013






