Bojammogo e kopelwa dithuso
09 Sep 2013
Kgosi ya Gakuto mo kgaolong ya Kweneng, Rre Abul Letlamma o akgotse mokgatlho wa bomme wa Bojammogo o o dirang tiro ya diatla ya go loga, go roka, go taka le go betla go bo ba tsweletse ba le moko o thata ntswa ba tlhaela ka ditsompelo.
Kgosi Letlamma o kopile baagi ba motse oo le setshaba ka kakaretso go rotloetsa mokgatlho wa Bojammogo ka thuso nngwe le nngwe e ba ka e kgonang, e le madi kgotsa didirisiwa tse ba ditlhokang. O buile jalo mo bosheng mo potsolotsong.
Fa a akgela, mmapatsi mogolo wa mokgatlho oo, Sekhala Ramphala o boletse gore mokgatlho wa bone o simolotse ka Motsheganong ka ngwaga wa 2011 ba gwetlhilwe ke mmaboipelego wa bone, Mme Julia Tshwenyego.
Mme Ramphala a re ba simolotse ba le lesome le borataro ba na le borre ba le babedi mme, jaanong bangwe ba setse baikemetse ka nosi mo dikgwebong tsa bone ka ba ne ba thusiwa ke ba lephata la thuto gaegolelwe.
O tlhalositse fa go tlhoka lefelo le ba direlang mo go lone le koloi e e ka neng e ba tsaya e ba isa kwa ba kgetlang tlhatlha e e logang ditlatlana, e le kgwetlho e e bakileng gore maloko mangwe a nne dinao di tsididi.
Mme Ramphala a re o lebogela ba lephata la Thuto-Gaegolelwe go ba tlhatlhelela dithuto tsa nakwana mme a re ga go ise go lekane ka ba tlhoka go rutuntshiwa gore e re fa ba dira ditiro tsa bone ba bo ba na le boitseanape jo bo tlhabologileng.
A re maikaelelo magolo a mokgatlho wa bone ke go thusa batho go intsha mo lehumeng la nta ya tlhogo le go itsa setso le ngwao go nyelela.
“E rile re lemoga fa re tshwenya mmaboipelogo ka botlhoki jwa malwapa a rona e bile re bereka Ipelegeng, e le yone re sutelanang mo go yone, ra iphutha mme mmaboipelego a tswa leano la gore re itlhamele mokgatlho o o ka re thusang go nonotsha ditalente tsa rona,” Mme Ramphala a bolela.
Mmaboipelo Tshwenyego ene o ne a tlhalosa fa maiteko a setlhopha seo a setse a bonala ka go setse go na le bangwe ba ba gapileng dikgele tsa go loga ditlatlana kwa ditshupong tsa kgaolo ya kweneng.
Mme Tshwenyego o ne a gatelela gore mokgatlho ga o gole ka ntlha ya letlhoko la dikoloi, a re tsa puso di kopiwa ka mokwalo mme go tsaya nako gore ba thusiwe.
Mongwe wa maloko a Bojammogo Mme Dipuo Radipela, o ne a tlhalosa fa ba sa kgone go rekisa ditlatlana tsa bone motlhofo.
A re bontsi jwa bareki ba di reka ka tlhotlhwa e e kwa tlase ntswa ba wetse dingalo ba di loga.
Mme Dipuo Radipela a re ba kgetla tlhatlha e ba logang ka yone kwa dinokeng tsa Molepolole le Kumakwane a re ba patelesega go tsamaya ba le setlhopha ka go sa sireletsega.
Mmapatsi mogolo wa mokgatlho, Mme Ramphala o boletse fa ba bapaleditse lenaneo la Sedibeng, Botswana Craft le National Museum dithoto tsa bone mme go bokete ka gore ba dira dithoto tsa boleng jo bo kwa tlase tse di sa okeng bareki.
Mme Ramphala o kopile bagwebi go thusa mokgatlho wa bone ka didirisiwa di tshwana le dimao tse di rokang kgotsa di loga, diwulu le dibaga.
“Re kopa le gone go atumelediwa tlhatlha ya boleng jo bo botoka e e bonwang kwa Etsha,” Mme Ramphala a kopa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : GAKUTO
Event : Potsolotso
Date : 09 Sep 2013






