Breaking News

Babereki ba Ipelegeng ba kopiwa go nna tlhaga

09 Sep 2013

Babereki ba Ipelegeng ba kgothaditswe go tsenya marapo dinameng ka dinako tsotlhe fa ba le mo tirong.

Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Tsabong, Rre Sam Brooks, jaaka a ne a tshwere  diphuthego tsa kgotla bosheng kwa metseng ya Maralaleng le Kisa, mabapi le ditsamaiso le maikaelelo a  khansele potlana.

Rre Brooks, yo  e bileng e le mokhanselara wa Tsabong Bokone, a re tiro ya Ipelegeng e tshwana le tiro nngwe le nngwe ya puso mme ope yo o sa obameleng molao wa tiro a tshwanelwa ke go tseelwa dikgato tse di maleba.  

O ne a kopa babereki bao go emisa go tla  tirong ba nole le gore ba se ka ba tla morago ga nako, ka seo se ka felela se dia ditiro tsa bone metse ya bone e bo e sa  tlhabologe.

O ne a kopa ba dikomiti tsa ditlhabololo go tseela badirela puso ba ba kolotang madi a boroko  dikgato tse di gagametseng ka seo se ka busetsa maiteko a bone a go tlhabolola metse kwa morago.

Modulasetilo o ne a rolela  merafe fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore go nne le khansele potlana ka 2008 mme ga dumalanwa gore e nne mo Tsabong ntswa dikeletso tsa morafe e ne e le gore e nne kwa Middlepits.

O ne a bolela fa maremelelo a ditirelo a tlaa nna kwa Middlepits, Werda, le Bokspits.

Rre Brooks o ne a tlhalosetsa batsena diphuthego tseo fa maikaelelo magolo a khansele potlana e le  go  atametsa  setshaba ditirelo, bogolo jang mo metseng e e kgakala thata le ditlamelo, a  supa fa  ba setse ba etetse metse e le mmalwa.

Kgosi David Megano wa Maralaleng, o ne a lebogela puso  ka  mananeo  a nyeletso lehuma,   a re a solegetse  batho ba le bantsi  molemo le fa  sebe sa phiri e le leuba le le apesitseng  kgaolo ya bone kobo ka letshoba.

O ne  a supa fa go tlaa nna  le poelo morago ka pholotso e le ntsi thata mo loruong, bogolo jang dipodi. Go rapelela pula e ne ya nna mengwe ya melaetsa  e modulasetilo a tsamaileng a e gasa mo diphuthegong tsa gagwe jaaka e le kopo ya ga Tautona. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 09 Sep 2013