Kgosi o tshwenngwa ke beng ba matlo
09 Sep 2013
Kgosi ya Mogoditshane, Rre Bapalele Dihutso a re o tshwenngwa ke batho ba ba hirisang malwapa a bone ba bo ba a tlogela mo bahirising ba sa tlhokomele gore a a phepafadiwa. Kgosi Dihutso o boletse mo potsolotsong gore malwapa ao a nna batho ba bantsi mo go nnang dingalo gore ba laolesege.
A re bophepa jwa tikologo ke jone botsogo jwa batho, ka jalo go botlhokwa gore beng ba malwapa ba kwadisetse go tseelwa matlakala ke khansele. O tlhalositse fa beng ba malwapa a a hrisiwang ba tla kwa go ene fa ba setse ba ikuela ka bahirisi, mme go nne dingalo gore a ba thuse ka ba sena kitso e ntsi ka bahirisi bao.
“Bontsi jwa bone ga ba itse maina a bahirisi ba bone le gore ba tlholega kae, le tsone dikgotla tse ba agileng mo go tsone tota. Ba tla fela fa ba tsile go tsaya dituelo tsa matlo,” Kgosi Dihutso a tlhalosa. O ne a gakolola beng ba malwapa go tsalana le bahirisi ba bone go itsa dikgotlhang.
Mongwe wa bahirisi, Basadibotlhe Serodumo yo o dingwaga di masome a mararo le bone wa kgotla ya Kgosing, o tlhalositse fa ba nna mo ntlong e le nngwe ba le bane e bile e pitlagane.
Mme Serodumo o tlhalositse fa go se motlhofo gore go nne go le phepa nako tsotlhe ka gore mongwe le mongwe o iphepafaletsa fa a robalang teng fela.
“Nna ke rata go nna fa go nang le batho ba le bantsi teng ka gore fa o kuwa ka fa o tlhasetswe, ba ba mabapi ba a go utlwa mme ba go tswe thuso ya potlako. Gape re a tshidisanya, re kopana le sukiri tota,” Mme Serodumo a bolela.
Mme Mmangaka Tigelo wa kgotla ya Kgosing, mo boemong jwa mong wa motse yo e leng monnawe, o ne a tlhalosa fa go le dingalo go dirisana le bahirisi a re ga ba ntshe madi a a duelang koloi ya khansele gore e ba tseele matlakala.
Mme Tigelo a re o tlhokometse matlo a a nang le dikamore di le lesome le motso mme batho botlhe ba ba nnang mo go one ba le masome mabedi le boraro mme ba supa mo teng e le ba lelwapa.
A re ba na le matlwana a boithomelo a a dirisang metsi a le mabedi fela mme a dirisiwa ke batho botlhe e bile go na le mokwalo o o supang gore go phepafatsa mang ka labokae.
Kwa bofelong, Kgosi Dihutso o ne a gakolola morafe go tsena diphuthego tsa kgotla a re ba emise gore bone ga ba tlholege mo Mogoditshane ka seo se busetsa ditlhabololo tsa motse kwa morago. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Potsolotso
Date : 09 Sep 2013






