Breaking News

Puso e tokafatsa phimolo dikeledi

08 Sep 2013

Lephata la diphologolo le makgabisa naga le tokafaditse phimolo keledi ya tshenyo ya ditlou kwa masimo. 

Mogolwane wa lephata leo, Rre Steven Sekhute, o buile jalo fa a ne a rolela makhanselara a kgaolo potlana ya Bobirwa pego mo phuthegong ya khansele potlana eo. A re go tlaa sekasekwa tshenyo e e dirilweng ke diphologolo mo go tseneletseng, pele ga go ntshiwa tuelo.

A re ba na le dikgwetlho tsa go ntsifala ga ditlou, mme fela ba tlaa dira maiteko a go ruta morafe, bogolo jang balemi ka ditlhopha, malebang le tiriso ya pherefere go koba ditlou kwa masimo, ka ba lemogile fa e ka ba thusa fela thata.

A re lephata le tlaa oketsa palo ya dikoloi go tsamaya le kgaolo eo, mme a supa gore balemi ba ka bolaya ditlou tseo fa di dira tshenyo e e tseneletseng mme ba begele lephata mo malatsing a supa. A re dirwe tsone ke tsa puso, a re dinaka tsa tlou di tshwanetse tsa ntshiwa fela ka nako e e bolawang ka yone. 

Rre Sekhutle o solofeditse gore ba tlaa tsibogela dipego tsa tshenyo ya ditlou ka gore ba tlaa dira tiro ba tshwaragane le ba lephata la temo-thuo go sekaseka ditlhwatlhwa tsa phimolo dikeledi. Makhanselara a ne a itumelela phetogo eo ba re balemi ba ntse ba jewa ntsoma. Ba ne ba kopa puso go fokotsa ditlou tse ba reng di baka kgothego ya mmu, bogolo jang kwa kgaolong ya Tuli Block.

Ba kopile gore go okediwe badiri ba lephata la diphologolo makgabisa ka gore palo e e leng teng e fekeediwa ke tiro fa ba lebile boatlhamo jwa kgaolo eo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gloria Thitoyamore

Location : BOBONONG

Event : Phuthego ya khansele

Date : 08 Sep 2013