Breaking News

Modulasetilo o a kgalema

08 Sep 2013

Modulasetilo wa khansele potlana ya Palapye, Rre Onneetse Ramogapi o kgadile sepolotiki se se buiwang mo phuthegong ya khansele.

O buile jalo mo phuthegong ya khansele kwa Palapye bosheng. A re makhanselara a tshwanetse go bua ka dikgang tsa tirelo le tsamaiso ya khansele e  seng go polotika.

A re polotiki ke ya kwa ditlhareng e bile e ka dia tsamaiso le ditirelo tsa khansele. A re ga go mo tsamaisong gore makhanselara a tsise dikgang tsa sepolotiki mo khanseleng, a tlatsa ka gore le fa makhanselara a na le dipharologanyo tsa sepolotiki ga ba a tshwanela go tlhaselana mo diphuthegong tsa khansele.

A re le fa ba na le megopolo ya go emela ditlhopho mo dikgaolong tsa ba bangwe, ga ba a tshwanela go dirisa phuthego ya khansele go tlhaselana, a re dikgang tsa go nna jalo ke tsa nako ya ipapaletso ditlhopho. O kopile makhanselara go dirisanya sentle go ya pele. 

Mo godimo ga moo o rotloeditse makhanselara go nna le tshwaragano le mowa wa kutlwelobotlhoko, a re ba tshwanetse go gopolana, bogolo jang ba gopole makhanselara a a mo toronkong.

Rre Ramogapi, yo e bileng e le mokhanselara wa kgaolwana ya Mmaphula, o tsweletse ka gore jaaka modulasetilo wa khansele ya Palapye, o tsamaile kgaolo ya Palapye le tikologo a tshwara diphuthego le molaodi go lekola banni.  A re mo godimo ga moo o ne a tsena mo metseng le mo dikoleng go bona dikgwetlho le ka fa khansele e ka thusang ka teng.

Rre Ramogapi o buile jaana  a araba mokhanselara  wa Palapye, Rre Dithapelo Tshotlego yo o neng a ngongorega gore  modulasetilo ga a ke a etela kgaolo. Rre Tshotlego a re kgaolo ya Palapye e na le dikgwetlho, bogolo jang kwa dikoleng tse di potlana tse a reng dikago ga di jese monate mme modulasetilo a sa dire sepe ka dikgang tsa go nna jalo.

A re modulasetilo o tshwanetse go tsaya maikarabelo a etela kgaolo go bona mathata le go a rarabolola. A re baduladitilo ba dikhansele potlana tsa kgaolo ya legare ba tsena dipitso tse di farologanyeng mme le fa e le ka letsatsi lepe ga ba ke ba itsese makhanselara ka tse di builweng kwa dipitsong tsa go nna jalo.

A re modulasetilo o sale a tlhalositse fa puso e se na madi e bile khansele e tshwanelwa ke go tla ka mananeo a a ka dirisiwang go tsenyetsa khansele ya Palapye madi gore e kgone go tlhabolola Palapye le go tlhama mebereko, nako kgolo ke eno. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : PALAPYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 08 Sep 2013