Breaking News

Ntsi ya maungo e tlhasetse

08 Sep 2013

Lephata la temo-thuo le tlhagisitse khansele potlana ya Tutume fa go tlhagogile ntsi ya maungo. 

Molemisi yo o neng a tswa Gaborone, Mme Fatima Makgetho a re ntsi e e baka tshenyo mo maungong go balelwa le a naga tota. O boletse fa ntsi eo, e e bidiwang Asian Fruit Fly, e simologile kwa Chobe, Limpopo le Tuli Block mme  gompieno e utlwalelwa kwa kgaolong ya legare. 

Mme Makgetho o tlhalositse fa ntsi eo, e e tsamayang sekgele sa dikhilomithara di le lekgolo ka letsatsi, e sa tlwaelesega mo Afrika, a tlatsa ka gore ke seji se se batlang go emelwa ka dinao. A re borai jwa ntsi eo mo mothong ga ba ise ba bo bone mme fela se a se itseng ke gore e bodisa maungo ka bofefo ka e baya mae mo loungong, kgotsa mo sethunyeng.

A re gore ba e laole ba tsamaya ba baya malekane a masweu go bolaya ntsi e tonanyana mo sekgaleng sa dikhilomithara tse di lesome go ya kwa go tse di lekgolo ka go tsenya molemo o o lonko lo tshwanang le lwa ntsi e namagadi. 

Mme Makgetho a re ba setse ba simolotse kwa Tonota, Francistown, kwa lehuting la matlakala kwa Selebi Phikwe le Ramokgwebana ka go pega malekane mo ditlhareng. 

O tswelela a re morago ga moo ba tlaa simolola go pega malekane mo Tutume go felela kwa Maitengwe.  A re letsatsi le letsatsi ba  tlhola malekane ao go bona gore a ga ba a tshwara sepe. 

A re ba dira jalo mo lobakeng lwa dikgwedi tse tharo, mme fa go se na se ba se tshwarang ba dira mo dibekeng tse pedi. A re ba ya go simolola go laola motsamao wa maungo mo kgaolong  mme fa seemo se ba pateletsa go a emisa ba tlaa dira jalo.

Mme Makgetho o supile gore mongwe le mongwe yo o batlang go roba a ba itsese mo lobakeng lwa malatsi a mabedi gore maungo a tshelwe molemo otlhe. A re morago ga malatsi a mabedi a ka jewa mme a tshwanetse go tlhatswiwa dinako tsotlhe fa a jewa.

O kopile balemi go babalela masimo a bone ka go nna keletlhoko mo maungong a re fa a wetse fa fatshe  ba a sele ba a beye fa go faphegileng teng.  O boletse gore boradikgwebo bone ba fiwa dikhakha  tse dintsho go tsenya mo teng gore fa e le gore ka nngwe tsela ntsi eo e mo teng e bolawe ke mogote. 

O kopile baeteledipele go goga mmogo le kemo nokeng ya bone ka e le bone matlho a setshaba go tlhaba mokgosi wa tshenyo ya ntsi le go itsese morafe go dira le ba ba tlaabong ba romilwe go lwantsha ntsi.

A re kgwetlho e ba nang nayo ke gore fa ba pega malekane batho ba tla ba a pagolola ka ba a jala ditlhare mo go one, ka jalo o kopile gore batho ba emise go dira jalo. 

Fa a mo kgwa dikgaba, mokhanselara wa Tutume Bophirima, Rre Ismael Mokgethi o ne a kopa gore malekane ao a dirwe gore a bolae ntsi e tonanyana le e namagadi ka nako e le nngwe.

A re go madimabe gore e re ba sa ntse ba lela ka tlhako le molomo go bo go tla ntsi. Mokhanselara wa Sebina, Rre Mogomotsi Lemogang o kopile lephata la temo-thuo go itlhaganelela ntsi eo, e sere kwa morago ba itshwara molomo.

Mokhanselara yo o itlhophetsweng, Rre Kemmonye Amon o supile lephata la temo-thuo ka monwana a re le nnile bonya go tsibogela dikgang tsa go nna jalo, a tlatsa ka gore se se ya go ama dikgwebo ka bontsi ka di reka maungo kwa Afrika Borwa, ntswa ntsi eo e sa bolo go utlwalelwa koo ngwagatlola.

Mme Makgetho o tlhalositse gore ba nnile bonya ka gore ngaka e e ka tlhalosang gore ntsi eo ke yone e e bonwang kwa Afrika Borwa o tsere dikgwedi tse tharo go rurifatsa kgang e ka ga a nne o kgarakgatshega le mafatshe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 08 Sep 2013