Breaking News

Dikakanyo tse dintle di supa thutego - Rakhudu

08 Sep 2013

Mothusa tona wa papadi le madirelo, Rre Keletso Rakhudu, o kaile fa go rutega e se ga go bo motho a tsene sekole e bile a badile ditlhaka fela, mme  gape e le ya gore motho a tswe ka dikakanyo tse dintle tsa botshelo. 

Rre Rakhudu o ne a bua se mo mafokong a gagwe a go tlhoma semmuso mokgatlho wa go bolokana wa Shegotja Molelo kwa Letlhakeng. A re go tswa ka mogopolo wa go tlhama mokgatlho oo, go supa gore maloko a one a ntshitse megopolo e e agang tswelelopele le go ruta tshwaragano .

O supile gore maloko a mokgatlho oo a rutegile ntle le go tsena ka kgoro ya borutelo, e le bomme ba ba nonofileng e bile ba humile mowa wa boipelego. Rre Rakhudu a re mangwe a maitlamo a  mafatshefatshe ke go supa bokgoni jwa bomme bogolo jang mowa wa itlhabolola

A re ba dirile se se sa bolong go rerwa ke mafatshefatshe, go balelwa le la Botswana mo teng e bile se ne se rerwa gongwe le gongwe, gore bomme ba ikemele ka dinao a kopa gore go tsewe malebela mo go bone le gore le bone ba rute ba bangwe.

Mookamedi wa polokelo  ya Botswana Buiding Society, e e roltoetsang mokgatlho o, Rre Pius Molefe, o kopile maloko a mokgatlho o go kgothala go ya pele, a rurifatsa fa le bone ba tlaa tswelela ba thusa fa go tlhokegang teng.

Mokgatlho wa Shegotja Molelo ke mokgatlho wa bomme kwa kgaolong ya Kweneng Bophirima, o o simolodisitsweng ka ngwaga wa 2007 ka maikaelelo a go belegana ka dinako tse di thata. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lilian Peloentle

Location : LETLHAKENG

Event : Phutego

Date : 08 Sep 2013