Makhanselara a atla maiteko a SPEDU
08 Sep 2013
Lekalana la kabakanyo itsholelo, le le itsegeng thata ka leina la SPEDU kwa toropong ya Selebi Phikwe, le akgoletswe maiteko a lone a go tsaya megopolo e e ka tlhabololang batho ba kgaolo potlana ya Bobirwa.
Kakgolo e e dirilwe ke makhanselera a kgaolo potlana eo mo phutheong ya khansele potlana ya Bobirwa. Makhanselera a re moono wa lekalana leo o ka phophomisa itsholelo ya batho ba kgaolo eo le go direla banana ditiro.
Baemedi bao ba gakolotse go re banana ba rutwe ka boitsaneape jwa tsamaiso ya dikgwebo jaaka tsa bojanala le temothuo. Ba file sekai sa go re kwa dipolaseng tsa Tuli Block, bogolo jang kwa polaseng ya Talana, batswakwa ke bone ba tshwereng maemo a a kwa godimo ka gore, ba na le boitseanape jwa go tsamaisa kgwebo ya temo. mananeo a a buiwang.
Ba ne ba ntsha mogopolo wa gore dikhansele di neelwe sebaka sa go tswela kwa ntle go tsaya malebela kwa mafatsheng a mangwe go ithuta kabakanyo itsholelo.
Ba re maikaelelo a SPEDU a tlhoka gore maphata a puso le dikompone tse di ikemetseng,a tshwaragane le lekalana leo go tlhabolola kgaolo eo. Le fa go ntse jalo ba ngongoregile ka dipolase tse di sa leng di phuaagantswe ke beng ba tsone gaufi le noka ya Limpopo, ba kopa puso go di neela Batswana go di dirisa. .
Mogolwane yo o lebaganeng le ditiro tsa SPEDU, Rre Theodore Seemule, o ne a tlhalosa gore matlhagolatsela a go tlhabolola temo ya nosetso kwa Bobirwa a setse a dirilwe, e le tekeletso mme e bile lephata la madi le ditogamano tsa ditlhabololo, le ntshitse P6 million, go tsamaisa tiro eo mo dingwageng tse pedi go ya kwa go tse tlhano.
A re P12.8 million a ntsheditswe go tsenya motlakase kwa masimong a a kwa tlase ga noka ya Motloutse.
Rre Seemule a re ke maikaelelo a bone go thusa kgaolo eo le lefatshe la Botswana ka bophara moono ka mananeo a go iterela dikgwebo, ka temothuo, Bojanala le tse dingwe tse ba ka itshetsang ka tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gloria Thitoyamore
Location : BOBONONG
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 08 Sep 2013






