Tsayang Ipelegeng ka tlhwaafalo
08 Sep 2013
Babereki ba ipelegeng ba kgothaditswe go tsenya marapo dinameng ka dinako tsotlhe fa ba le mo tirong ya bone, ka le yone e tshwana le tiro nngwe le nngwe ya puso mme ope yo o sa obameleng molao wa tiro o tshwanelwa ke go tseelwa dikgato tse di maleba.
Mafoko a a builwe ke modulasetilo wa khansele potlana ya Tsabong, Rre Sam Brooks, jaaka a ne a tshwere diphuthego tsa kgotla bosheng kwa metseng ya Maralaleng le Kisa, mabapi le ditsamaiso le maikaelelo a khansele potlana.
Rre Brooks, yo e bileng e le mokhanselara wa Tsabong Bokone, o ne a kopa babereki bao go emisa go tla tirong ba nole bojalwa le gore ba se ka ba tla morago ga nako, ka seo se ka felela se dia ditiro tsa ditlhabololo.
O ne a kopa ba dikomiti tsa ditlhabololo go tseela badirela puso ba ba kolotang madi a matlo a boroko dikgato tse di gagametseng ka seo se ka busetsa kwa morago maiteko a go tlhabolola metse ya bone.
Modulasetilo o ne a rolela merafe ya metse eo, fa puso e ne ya tsaya tshwetso ya gore go nne le khansele potlana ka ngwaga ya 2008 mme ga dumalananwa gore e nne mo Tsabong le ntswa dikeletso tsa morafe e ne e le gore e nne kwa Middlepts.
O ne a bolela fa ditirelo potlana service centre di tla nna kwa Middlepts, Werda, le Bokspits. Rre Brooks o ne a tswelela ka go tlhalosetsa batsena diphuthego tseo fa maikaelelo magolo a khanesele potlana e le go atametsa ditirelo tsa puso gaufi le setshaba ka dinako tsotlhe, bogolo jang mo metseng e e kgakala thata le ditlamelo a supa fa ba setse ba etetse metse e le mmalwa.
Kgosi David Megano wa motse wa Maralaleng, o ne a lebogela puso ka mananeo a nyeletso lehuma, ka a re a solegetse batho ba le bantsi molemo sebe sa phiri e le leuba le le apesitseng kgaolo ya bone kobo ka letshoba, a supa fa e tlaa nna poelo morago ka pholotso e le ntsi thata mo loruong, bogolo jang mo dipoding.
Go rapelela pula e ne ya nna mengwe ya melaetsa e modulasetilo wa khansele potlana Rre Sam Brooks o tlaa tsamayang a e gasa mo diphuthegong tsa gagwe jaaka e le kopo e e kopilweng ke Tautona wa lefatshe leno mo nakong e e ya leuba. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Diphuthego tsa kgotla
Date : 08 Sep 2013






