Seemo sa boroko se tlaa tokafala
05 Sep 2013
Tona wa Ditsha le Matlo, Rre Lebonaamang Mokalake o tlhomamisitse gore puso e tsweletse ka go betla ditsela tse di ka thusang go batla madi a go tokafaletsa bodirela mmuso seemo sa boroko.
E rile a buwa mo phuthegong ya kgotla kwa metseng ya Boatlaname le Shadishadi mo kgaolong ya Kweneng, Rre Mokalake a supa fa puso e ya go tlhoka madi a a ka tshwarang P90 000 go tokafaletsa badirela puso seemo sa tlhaelo ya boroko.
A re maiteko a tsweletse go tokafatsa seemo sa tlhaelo ya boroko jwa badirela puso mo jaanong ba gwetlhegileng go tswa ka metlhala ya ka fa seemo se ka tokafadiwang ka teng.
A re dingwe tsa dikgang le metlhala e mesha e ka nna go abela batho lefatshe go aga matlo a ka one go ka dirwang thulaganyo le puso go fokotsa bothata jwa tlhaelo le gone go hirisa matlo a batho ka bongwe.
O bile a lekodisa batho ka thulaganyo e e tsweletseng ya puso ya go tlhomamisa gore dikago tsa puso tsotlhe ditsenngwe ditlamelo tse di tlhokegang jaaka motlakase go fokotsa le go emisa bothata jo bo teng mo mafelong mangwe a lefatshe leno.
Dingwe tsa dikgang tse tona Mokalake a neng a di lekodisa batho ba dikgaolo tseo, ke temo-thuo e e tswakantsweng e a kaileng fa jaanong e letlelela balem-barui go dira dilo tse di farologaneng tsa temo-thuo mo lefatsheng le motho a le abetsweng. Batho ba Shadishadi le Boatlaname ba ngongorega ka palo e e kwa tlase ya babereki ba lenaneo la Ipelegeng, ba re seemo se tshwanela go tokafadiwa ka jaana dikgaolo tsa bone di sena ditsela dipe tsa go betlela batho diphatlha tsa mebereko.
Mangwe a matshwenyego a banni a akaretsa go salela morago ga lenaneo la nyeletso lehuma, ba latola fa go sena ope wa bone yo o kileng a thusiwa ka thulaganyo eo.
Le fa go ntse jalo tona Mokalake o ne a bowa a lekodisiwa ka matshwenyego a gangwe le gape a go salela morago ga dithuto tsa lenaneo la Talk Back kwa sekolong se se botlana sa Boatlaname ka tiego ya go thusiwa ke khansele potlana ya Molepolole/Lentsweletau.
Modulasetilo wa komiti ya Ditlhabololo tsa Motse kwa Boatlaname Mme, Masego Sekgopa, o supile fa khansele e palelwa ke go abela sekolo diesel go tshuba jenereitara ka jalo go busetsa morago lenaneo la dithuto tsa dikhomputara kwa sekolong seo.
Mangwe a matshwenyego a a neng a ipoeletsa e ne e le a seemo sa kwa kokelwaneng ya motse koo go tlhalositsweng fa mooki a patelesega go dirisa dipone tsa koloi go thusa balwetsi ka dinako tsa bosigo.
Modulasetilo wa pele wa komiti ya ditlhabololo tsa motse kwa Boatlaname Rre Tsimane Ntlhogo o ne a iteela kobo moroko mafoko a modulasetilo wa VDC ka go tlhalosa fa modulasetilo wa kgaolo ya Molepolole/Lentsweletau Rre Jeffrey Sibisibi a solofetsa fa seemo se tlaa rarabololwa mo nakong e khutshwane, mme nako kgolo ke eno.
Batho ba supile ka monwana tulaganyo ya batho bangwe ba maikutlo a bone a bopelo tshetlha a dirang gore ba inaakanye le thulaganyo ya go rekisiwa ga lefatshe mo kgaolong eo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 05 Sep 2013






