Breaking News

komiti ya ditlhabololo tsa motse e ka seka

05 Sep 2013

Mothusa tona wa temo thuo, Rre Oreeditse Molebatsi a re go mo molaong gore komiti ya ditlhabololo tsa motse e ka sekisa le yone ya  sekisiwa.

Fa a bua kwa diphuthegong tsa kgotla kwa metseng ya Tswapong Borwa bosheng, Rre Molebatsi a re pele fa go fetolwa melao ya makgotla a Setswana molaodi o ne a na le dithata tsa go fetola ditshwetso tse dikgosi di di tsereng mo dikatlholong tsa badiramolato.

A re molaodi o ne a kgona go fokotsa kana go oketsa katlholo e kgosi a e atlhotseng. Ka jalo a re molaodi ga a sa tlhole a na le seabe sepe mo ditshekong mme moikuedi o ka ikuela fela mo lekgotleng le letona la ikuelo ya ditsheko tsa Setswana fa a batla go ikuela. A re go ne ga lemogiwa fa go tsena ga balaodi mo ditshekong tsa makgotla a Setswana go ne go sa siama ka go ne go tsisa dikgotlhang mo gare ga morafe le dkgosi.

A re diphetogo tse dingwe tse di dirilweng ke go oketsa madi a dikotlhao mo makgotleng a Setswana.

Mo go tse dingwe Rre Molebatsi o ne a itsise banni fa puso e dirile diphetogo dingwe ntateng ya go lemoga fa leuba le tla a nna le manokonoko mo Batswaneng.

A re baithuti kwa dikoleng tse dipotlana ba tla a fiwa dijo gabedi ka letsatsi fa kwa lenaneong la Ipelegeng go tlaa okediwa dipalo tsa babereki. Rre Molebatsi a re mo go lemogeng fa dikgomo tsa barui ba le bantsi di tlaa amiwa ke leuba, puso e ne ya dumela gore barui ba letlelelwe go rekisa dikgomo kwa ntle ga lefatshe leno.BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyana

Location : Lerala

Event : Diphuthego tsa kgotla

Date : 05 Sep 2013