Breaking News

Lefatshe la bonno le tlhoka tshomarelo

05 Sep 2013

Mopalamente wa Kanye Borwa, Rre Abram Kesupile o sa tswa go tlhalosetsa morafe molaokakanyetso wa puso wa go somarela ditsha tsa bonno le tsa dikgwebo gore di lekane Batswana le go dirisiwa sentle ka dinako tse di tshwanetseng.

O boletse jalo kwa phuthegong ya kgotla ya Goo-Mongala mo Kanye ka Laboraro, gore morafe o kopiwa go nna le seabe mo molaong kakanyetso oo pele o ya palamenteng go ya go dirwa molao. Mengwe ya dikakanytso tsa teng ke ya gore Motswana  mongwe le mongwe a fiwe setsha se le sengwe sa bonno, mme fa di oketsega e bo e le fa a filwe setsha sa boswa kgotsa se a se rekileng.

O boletse fa molao kakanyetso oo  o nyeletsa bogagarupa ja go tsaya ditsha tsa mahala ka bontsi, o boletse fa jaanong ba-na-le bogole le batlhoki  ba tlaa fiwa maemo a ntlha fa go setse go abiwa  ditsha ba tlola ba bangwe ba ba letetseng go abelwa setsha.  A re go tlaa latela, batlholagadi mme ere ba ba setseng ba fiwe lefatshe ka khupele khupele.

O tsweletse a re molao kakanyetso oo o tla dira gore ba dikgwebo le dikereke ba fiwe ditsha fela fa ba duetse madi mangwe ebile ba dirile lenaneo la go tsamaisa kgwebo tsa tsone.

O boletse gore puso  ka lephata la kabo ditsha e tlaa sega ditsha dingwe tse di faphegileng jaaka tsa dikhwaere, tsa mabelo a dikoloi, dibaesekele, mabelo a dipitse le ditonki mme di tlabo di laolwa ke dikhansele. 

A re go tla nna le mafelo a diphologolo, temo-thuo le mahudiso. 

Mopalamente Kesupile o boletse gape gore banana le bone ba tlaa abelwa ditsha tse di faphegileng gore le bone ba leke matshelo a bone. 

O boletse fa ba ba sa tlhabololeng ditsha morago ga dingwaga tse tlhano di tlaa tsewa.  Le fa gontse jalo morafe wa Kanye o ne wa gana mogopolo wa go abela batho lefatshe ka khupele khupele, ba bolela fa gole maswe thata ka gore ba bangwe ba ba senang lesego ba tla tlhaelelwa ke ditsha ruri.

Ba ngongoregile ka leruo le le gobeyang mo motseng wa Kanye ba bolela fa le dira dikotsi tse dintsi.   Bangwe ba ngongoregile ka VDC ya bone gore ga e na tirisano mmogo sentle.

Ba ngongoregile gape ka badirelapuso ba kaya fa ba sa tsene diphuthego tsa mapalamente ko ba  ka bong ba thusa go araba dipotso le dikgakgelo teng. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Kanye

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Sep 2013