Breaking News

Bogodu bo ile tlase kwa Charleshill

05 Sep 2013

Ramapodisi a Charleshill, Superintendent Sello Ntwaagae a re tirisano mmogo e ba nang le yone le bogogi jwa motse bo fokotsa dipalo tsa borukutlhi mo kgaolong ya gagwe.

Mo potsolotsong le BOPA, Supt Ntwaagae a re go simolola ka kgwedi ya Moranang  go fitlhelela jaana, ba gatisitse dipalo tse di ko tlase tsa melato  e e farologaneng. Go ya ka ramapodisi, ba nnile le dikgang di le tharo fela go tswa ka Moranang go fitlhella ka Lwetse jaana mo borukutlhing  jwa go thuba mo matlong, dikgang tsa kiteo di le 22, le tsa go utswa di le 12.

A re molato wa polao o nnile  mongwefela, bogodu jwa leruo wa nna mongwefela, thubetso e le nngwefela, go nwela nnotagi kwa ntle ga madirelo a marekisetso a nnotagi di le 12, go rekisa nnotagi ka dinako tse di fetileng mo go tse di beilweng di le pedi, fa melato ya tsela e gatisitswe e le 337.

Dipalo tse di kwa tlase tse, Supt Ntwaagae a re e le ba sepodisi ba kgona ka tirisano mmogo e ba nang le yone le bogogi jwa motse ga mmogo le go tsena ntlo le ntlwana le gone go rutuntsha setshaba ka melato e e farologaneng. 

Supt Ntwaaage a re ba tsena mo dikgotlaneng gabedi mo kgweding ba ruta batho ka se ba bonang e le sone se se remeletseng mo kgotlaneng e e rileng. A re se, se a ba berekela ka jaana ba rutuntsha ka setlhogo sa molato se se tshwenyang thata mo kgotleng mme ka go dira jalo go fokotse dipalo tse di neng di ka nna dintsi mo kgotlaneng tota le mo motseng.

Le fa gontse jalo Supt Ntwaagae a re e le ba sepodisi ba tshwentswe ke manweenwee a a tsietsang barua kgomo mo kgaolong ya Charleshill, ba re ba rekela dibutshara. 

A re ba tlhotlhomisa dikgang di le tharo mo nakong eno tsa tsietso; mo go tsone manweenwee a fetile a tsietsa barua kgomo ka go re ba reka dikgomo mme ba ba neele dicheke tse di fetileng tsa tlhoka go neela barui madi ko bankeng ka jaana manweenwee ao a ne a sena madi mo bankeng. 

O tlhalositse gore go na le kgang e mo go yone morui mongwe a neng a tsiediwa ka go tseelwa dikgomo tse di ka lekanang P70 000 ke lenweenwee le tswa Tlokweng. O gakolotse barua kgomo go nna kelotlhoko fa ba rekisa dikgomo tsa bone ka jaana ba ka sala ba iphotlhere fela.

Supt Ntwaagae a re le fa ba kwadisitse dikgang tse di ko tlase tsa molato o, o dumela gore go na le ba le bantsi ba ba sa tlang ko go ba sepodisi go ikuela, ka jalo a ba rotloetsa go ikuela kwa sepodising gore dirukutlhi tsa go nna jalo di salwe morago. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : Ghanzi

Event : Potsolotso

Date : 05 Sep 2013