Breaking News

Pilediwa e a lwelwa

05 Sep 2013

Banni ba Mahalapye ba kopilwe go tsena diphuthego tsa kgotla ka makatlanamane.

Kopo eo e dirilwe ke  Kgosi Tshipe Tshipe yo a leng leloko la Ntlo ya Dikgosi, mo tshimolodisong ya kgwedi ya tlhapelo kwa Mahalapye ka Laboraro (Lwetse a tlhola gane).

Kgosi Tshipe a re o ngomolwa pelo ke gore batho ba motse wa Mahalapye ba ntse moriti o tsididi go inaakanya le go tsena diphuthego kwa kgotleng. 

A re tshimolodiso ya kgwedi ya thapelo, e ka bo e tsenwe ke matshwititshwiti a batho, bogolo jang ka baruti ba dikereke le dikgosi ga mmogo le mapolotiki  ba dira thata le morafe, mme a re go a swabisa go bo batho ba ne ba tsena fela mo seatleng.

O boletse gore go tlhoka go tsena diphuthego kwa kgotleng ke go ithontsha tshwanelo le sebaka sa go tsaya karolo mo ditshwetsong dingwe. 

A re ditshwetso tse di amang morafe di dirwa kwa kgotleng mme ka jalo a kopa, a bo a rotloetsa morafe go itlola ka go tsena diphuthego tsa kgotla.

Kgwedi ya thapelo e simolodisitswe ko Mahalapye mo mosong wa Laboraro Lwetse a tlhola gane, e ne e tseneletswe ke baruti ba dikereke ka go farologana, kgosi le dikgosana tsa Mahalapye ga mmogo le mopalamente. 

Ntleng ga go rapela kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse ja AIDS, go ne go rapelelwa bana, banana, malwapa, baeteledipele ba lefatshe, bodirelapuso, lefatshe ka kakaretso gammogo le pula.

Fa a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Rre Bernard Bolele o ne a kopa bao ba ba thusiwang ka dipilisi tsa diritibatsi gore ba seka ba di tlogela. 

Rre Bolele a re puso e tshwenyegile thata ka gore batho ba na le go tlogela diritibatsi fa ba bona ba nna borethenyana a re seo se dira gore batho ba bo ba tswelela ka go swa ka malwetse a masesane.

A re e a re batho ba lemoga bolwetse bo ritibala, ba itlogelele mme ka moo mogare o nne masheta go ba tsenya malwetsi a mangwe gape.

 Rre Bolele a re seemo sa mogare se boela masweng, mme fa  Batswana ba sa itlhokomele, ba tlaa nyelela a tlatsa ka gore seemo sele sa maloba se a boela se batho ba neng ba a swa jaaka dintsi.

O ne kopa Batswana go itlhokomela. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : Mahalapye

Event : Tshimolodiso ya thapelo

Date : 05 Sep 2013