Breaking News

Senjwalejwale se na le ditlamorago

05 Sep 2013

Batswana ba kopilwe go boela morago ditsela tse ba tshelang ka tsone mo bogompienong.

Se se builwe ke Moruti Solly Ketshabathupa jaaka a ne a simolodisa kgwedi ya thapelo kgatlhanong le mogare wa segajaja kwa Mahalapye ka Laboraro, Phatwe a tlhola gane.

Moruti Ketshabathupa a re Batswana ba tshwanetse ba boele morago mme ba batle tsela e batho ba bogologolo ba neng ba tshela ka yone. O tlhalositse fa tsela eo e le ya poifo Modimo a re ke ka moo malwetsi a tshwana le a segajaja a ne a seyo mme ebile a sa gapele batho botshelo ka mmetela.

O ne a bua a sa kgwe mathe ka tsela ya sesha, a re malatsing ano ditsela di dintsi tse di itiretsweng ke batho ebile di matswakabele go ka itse gore go ka tsewa efe.

O tlhalositse fa ditsela tse di ithaelwang, di isa thaelong mme ka jalo a kopa setshaba sa Botswana go tsaya tsela ya poifo Modimo a re ga e kitla e ba latlha. Moruti Ketshabathupa a re tsela ya Modimo e ka tswa e lebega e fitilwe ke dinako, kgotsa e lebega e le thata, mme e sa timetse, a tlatsa ka gore e na le kagiso.

O ne a a re ke yone e tsepameng go ka fedisa mogare gotlhelele. O ne a kopa setshaba sa lefatshe leno go latela Modimo le go diragatsa se a reng se dirwe a tlatsa a re ka jalo lefatshe le tla fola gareng ga dipharagobe di akaretsa leuba, malwetse le letlhoko la pula.

A re tsela ya sesha, ga e kgathale mabapi le go tlolaganya molekane, go ya kafa le kafa a re ka jalo ke ka moo bolwetsi jwa HIV/AIDS bo anama go ya pele.

A re ga go makatse mo tseleng ya senjwalejwale go nna le bakapelo ba bantsi, mme a re mo tseleng ya Modimo motho o ka nna le maitlamo a go ikaga sesha mme a nne le ditsela tse dintsi tsa go rata le go itumedisa mokapelo wa gagwe a le mongwe. Moruti o ne a kopa Motswana ope go lwa kgatlhanong le mogare a re Batswana ba eme ka dinao ka lefatshe la bone le a nyelela.

 O ne a kopa baruti ka ene go diragatsa se lefoko le se buang a re ke bakaedi mme ka jalo a re ba rere lefoko la Modimo e seng sepe gape ka ke lone le le ka bolokang setshaba sa Botswana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Chikumbudzi

Location : Mahalapye

Event : Tshimolodiso ya kgwedi ya thapelo

Date : 05 Sep 2013