Breaking News

Lenaneo la metsi kwa Molepolole le tsweletse

05 Sep 2013

Lenaneo la go gokela motlakase didiba tse tharo tsa Gaotlhobogwe le didiba tse thataro tsa Malwelwe le tsweletse sentle. Go ya ka kompone ya metsi ya Water Utilities  Corporation (WUC) tiro e e setseng e dirilwe e ka atumela sephatlo sa lekgolo (45%). 

Mafoko a, a builwe ke mopalamente wa Molepolole Borwa kwa phuthego ya kgotla ko Gamodubu bosheng. Rre Kwelagobe a re  tsholofelo ke gore ka kgwedi ya Sedimonthole monogwaga go bo go sa tlhole go na le tlhaelo ya metsi mo Molepolole.

E ne ya re ba tsibogela mafoko a mopalamente, banni ba motse wa Gamodubu ba bo ba tletse tshakgalo thata ka ntlha ya letlhoko la metsi.  Ba ne ba bua ba sa kgale mathe ganong  ba re ga ba bone metsi ko ba beilweng teng. 

Ba re fa ba kopa ditlhaloso ko komponeng ya WUC, ba bolelelwa fa ba le kgakala thata le palo ya sekgala sa dikhilomithara tse di beilweng tsa makgolo a mabedi go ka gokelelwa metsi.  Ba re se se ngomolang pelo le go feta ke gore ga gona dipompo tsa setshaba ko ba beilweng teng.

Ba re seemo se se sa jeseng diwelang se, se dirile gore bana ba ye sekolong ba sa tlhapa mme se se dire gore ba fapaane le barutabana ba bone. 

Ba ne gape ba ngongoregela ditlhwatlhwa tsa go gokela metsi le motlakase tse ba reng di ko godimo fela thata. Fa a tsibogela dingongorego tsa bone mopalamente  o ne a kaya fa e le boammaaruri gore ditlhwatlhwa tsa kgokelo ya metsi le motlhakase di ko godimo. 

Go digela maikutlo a bone gore ba wele makgwafo  Rre Kwelagobe o ne a solofetsa go bitsa phuthego e mo go yone  kompone ya WUC e tlaa ikarabelang mabapi le dingongorego tsa bone. Le fa gontse jalo o ne a gakolola banni ba motse gore ikwadisetso ditlhopho e gaufi mme ba ye go diragatsa tshwanelo ya bone ba ye go ikwadisa. 

O kaile fa ditlhopho di le botlhokwa mo pusong ya batho ka batho.  O kopile batsadi gore ba rotloetse bana ba ba dingwaga tse di lesome le boferabobedi go ikwadisetsa ditlhopho.

O weditse ka gore Batswana ba seka ba tseela ditlhopho ko tlase ka gore go supafetse fa mafatshe a a sa tlhopheng mebuso a tshelela mo dikgoberegong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Sep 2013