Breaking News

Ba Gamodubu ga ba na go akola dithuso

05 Sep 2013

Balemi ba motsana wa Gamodubu ba re ga ba na go akola dithuso tse puso e di ntshitseng  tsa go lema ka ditselana e le ntlha nngwe ya go lwantsha leuba le le aparetseng lefatshe leno kobo ka letshoba.

Ba re ga gona diterekere mo kgaolong ya bone. Beng ba diterekere ba ba leng teng ga bana dipolantere. 

Ba tlhalositse gore lemmenyana le ba ka bong ba le bona fa ba sena go rekisa dipodi gore ba kgone go reka digogi, le lone ga le kitla le nna teng ka gore dipodi tsa bone di feditswe ke dintsa tse di nnang ko sekiting sa matlakala.

 Mo godimo, ga moo, ba supile fa go lema ka go kabela le gone go le dingalo ebile go le bonya.

Se se builwe kwa phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke mopalamente wa kgaolo, Rre Daniel Kwelagobe kwa Gamodubu.

Fa ba mo fa megopolo e a ka e isang ko palamenteng, banni ba motse oo, ba boleletse mopalamente wa gore ere go buiwa ka kgang ya lefatshe, ba kopa gore kabo ya lone e dirwe ka keltlhoko go itsa go ikgagapelela le go tima ba bangwe ditsha.

Ba boile gape ba kopa gore ba sekasekelwe gore puso e ka dira eng mo motseng wa bone se se ka tsenyang letseno la madi ka ntlha ya gore Gamodubu ke motse o o thibelelang mme banni ba ikaegile thata ka Ipelegeng fela.

E ne yare fa a bua, Rre Kwelagobe a tsibosa banni ba motse ka mananeo a puso e a dirileng a go lwantsha leuba, mme a kopa banni ba motse oo go tlhagafalela go itse ka mananeo le gone go a dirisa jaaka lenaneo la temo thuo la ISPAAD  le le seka sekilweng.

Rre kwelagobe o tlhalositse fa puso e senkile madi a a ka tshwarang didikadike tse di makgolo mabedi le botlhano go lwantsha leuba. Nngwe ya dithulaganyo tse puso e di dirileng ke gore baithuti ba  tlaa ja gabedi kwa sekoleng. 

O tsweletse ka gore mafelo mangwe goromente o tlaa thusa ka go oketsa palo ya batho ba ba berekang  mo Ipelegeng.

Gape barui ba tla fokolediwa ditlhwatlhwa tsa go reka dijo tsa dikgomo ka masome a mararo le botlhano mo lekgolong (35%) fa mo mafelong a a sa amiwang ke leuba thata ba tla fokolediwa ditlhwatlhwa ka masome a mabedi le botlhano mo lekgolong . BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Molepolole

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 05 Sep 2013