Breaking News

Khansele e tla ithola tsamaiso ya maemelo a dibese

04 Sep 2013

Khansele ya Gaborone e mo lenaneong la go rolela  bagwebi ba ba ikemetseng ka nosi tsamaiso ya ditirelo tsa maemelo a dibese a Gaborone. 

Mafoko a a builwe  ke ratoropo wa Gaborone, Rre Haskins Nkaigwa, fa a buisana  le ba lenaneo la Seromamowa sa Botswana la Masa-a-sele, ka Labobedi. Rre Nkaigwa o tlhalositse gore ba ne ba tsaya tshwetso e, ka mabaka a go leka go tokafatsa go isa ditirelo tsa khansele kwa baaging ba toropo ya Gaborone. 

A a re lebaka le lengwe le le ba gwetlhileng  go tsaya tshwetso e, ke go lemoga fa maemelo a a  dibese a le mo seemong se se sa kgatlhiseng.  O tladitse gape gore maikaelelo a bone a mangwe ke go netefatsa gore go nna le matlwana a boitiketso a a kgatlhisang kwa lefelong leo. 

Mo godimo ga moo, Rre Nkaigwa a re dingwe tsa dilo tse di ba tshwentseng ke barekisi ba bantsintsi kwa maemelong ao, ka jalo go le mosuke ebile go le leswe, a supa fa jaanong go tlaa nna le melao e e tokafatsang seemo seo. 

Rre Nkaigwa a re ba solofela jalo gore e tlaa re ngwaga ono, o ya fifing, tema e bo e setse e bonala. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Gaborone

Event : Puisanyo le ba seromamowa

Date : 04 Sep 2013