Breaking News

Bomme ke pinagare

04 Sep 2013

Bomme ba kailwe fa e le bone pinagare mo makgotleng ka go farologana.

Mafoko a a builwe ke molalediwa, Mme Keboadile Sekwababe, mo pulong ya moletlo wa bokopano jwa bomme ba kereke ya Bautwi Ba Lefoko Zion Church of God, e e neng e tshwaretswe kwa Moletemane ka Matlhatso

Mme Sekwababe a re seabe sa bomme mo dikerekeng se a bonala e bile ke bone ba e tshegeditseng  ka go tlhwaafalela tse ba di rongwang.  Bomme ba Bautwi Ba Lefoko ba agetse ba lelwapa la ga Mme Mmatsatsi Josaya ntlwana ya boitiketso kwa Moletemane, ka jalo Mme Sekwababe a supa fa maiteko ao a tshwanetse go iteelwa legofi.

A re go tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba jaaka go thusa ba ba tlhokileng lesego,  go tlaa tiisa bomme ba kereke moko. Mme Sekwababe a re bomme ba tshwanetse go nna le seabe se segolo mo go ageng botho jwa bana le go ba ruta poifo Modimo. 

O lebogetse bomme ba kereke eo go tshegetsa bokopano, a re seo se ba fa sebaka sa go itshekatsheka le go tswa ka maano a gore kereke ya bone e ka godisiwa jang. 

Mme Sekwababe o abetse kereke eo P1 000 go ikgodisa mo ditirong tsa yone.Mookamedi wa kereke ya Bautwi Ba Lefoko, mookami Pogiso Modikwa,  o supile fa bomme mo kerekeng eo ba gatetse pele, a tlatsa ka go re kereke eo e neetse bomme boikarabelo fela jaaka borre, a supa fa bomme bangwe e le baruti le dibishop mme a supa fa ba na le bokgoni jo bogolo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : Bobonong

Event : Bokopano jwa bomme

Date : 04 Sep 2013